Poso e simolodisa tiriso ya karata
15 Apr 2014
Bagodi, bagaka ba pele ba ntwa ya lefatshe, batlhoki le dikhutsana, ba tla a direlwa karata ya poso go tokafatsa tsamaiso e e leng teng ya dituelo.
Mafoko a, a boletswe ke mogolwane wa posong ya Tlokweng, Rre Booster Nkhomba, jaaka a ne a buisa Batlokwa kwa phuthegong ya kgotla ka Matlhatso.
Rre Nkhomba, o supile fa mo karateng eo ya maranyane, go tla a dirisiwa monwana wa mong wa karata, mme e tla a fela morago ga dingwaga tse di lesome.
O ne a tswelela ka go tlhalosa gore fa go ka diragala gore karata e latlhege kana e robege, mong wa yone o tlamega go ntsha P22.00 go dira e ntsha.
O boletse gore batho ba ba amegang mme ba le kwa dipateleng bone ba na le thulaganyo ya go ka ba thusa.
Nkhomba o kaile fa ka karata e, badirisi ba yone ba ka kgona go tlogela madi mo go yone; go reka ditirelo tsa motlakase le tsa metsi mme botlhe ba ba amegang ba kopiwa go ikwadisetsa go direlwa karata e, kgwedi eno e le masome a mabedi le boraro, go fitlha ya Motsheganong e le masome a mabedi le bone.
O supile fa ba kopanye le dikgwetlho tse dintsi tsa go sa babalesegeng ga bukana e e ntseng e dirisiwa, ka jalo ba tla ka mogopolo o mosha wa go ba direla karata e e tshwanang le ya banka, mme modirisi a tla a tsewa menwana yotlhe ya diatla, gore fa monwana mongwe o ba fa bothata go dirisiwe e mengwe.
O tlhalositse fa ba tla a tlhoka karata ya Omang go dira karata e, mme ka nako tsotlhe modirisi wa karata a tlamega go dirisa monwana go tsaya ditirelo fa dithulaganyo tse dingwe tse di leng teng tsa dituelo, di sa fetoga.
Rre Nkhomba o boletse gape gore fa mong wa karata a tlhokafetse mme a tlogetse madi mo karateng, ba ba setseng ba tlaa supa yo o tlaa tsayang madi ao.
Erile ba mo kgwa kgaba, batsena phuthego ba supa fa ba tshwenngwa ke mela e meleele kwa posong, mme ba kopa go agelwa matlwana a boitiketso kwa posong. Ba supile fa ba atla mogopolo wa go direlwa dikarata ka ba solofela fa o tla a fefosa ditirelo.Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : TLOKWENG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 15 Apr 2014