Breaking News

'Dirisang dipalamo tse di itekanetseng'

15 Apr 2014

Modulasetilo wa komiti ya ipabalelo tseleng kwa Boteti, Rre Bahithi Keiphokotse o kgothaditse maloko a dikereke ka go farologana go ela tlhoko gore ba thapa dipalamo tse di itekanetseng jaaka ba tsaya maeto go ya go keteka malatsi a paseka.

Rre Keiphokotse yo gape eleng mothusa molaodi wa kgaolo ya Boteti, o buile jalo ka Matlhatso kwa bokopanong jo bo neng bo rulagantswe ke komiti ya ipabalelo tseleng mo kgotleng ya Letlhakane, go tsibosa maloko a dikereke go ikela tlhoko jaaka ba tsaya mosepele go hema dikotsi.

Rre Keiphokotse a re, lephata la ipabalelo tseleng le dule ka moono wa go tsibosa le go ruta dikereke ka tsa ipabalelo tseleng  ka malatsi a paseka,  ka go lemosegile fa ele bone ba tsayang maeto thata ka malatsi a.

O ne gape a ba gakolola gore ba ka hema dikotsi tsa tsela ka go ipaakanyetsa mosepele nako e santse ele teng, go itsa gore ka motsotso wa bofelo ba bo ba tsaya sepalamo sengwe le sengwe se se gaufi ba sa netefatsa pabalesego ya sone.

Mothusa molaodi Rre Keiphokotse a re, go lemosegile gore maloko a dikereke ga ba nke ba ipaakanyetsa mesepele ka nako le mororo ele e tsamaiwa ngwaga le ngwaga. A re,  selo se se dira gore ba tsamae bosigo, ka dipalamo tse di sa tlhatlhobiwang ke ba ipabalelo tseleng gore di itekanetse go ka tsaya mosepele, mme di felele di ba latlha mo tseleng kana di ba bakela dikotsi.

O tsweletse ka go kopa dikereke gore fa ba thapa sepalamo, ba ele tlhoko gore se nale teseletso ya go pega setshaba le gore mokgweetsi wa sone le ene o filwe teseletso ya go kgweetsa koloi tsa setshaba, le gone go tlhomamisa gore ga a kake a intontela nnotagi a ntse a tsweletse le mosepele.

 O ba kopile gape gore ba fe mokgweetsi sebaka sa go itapolosa jaaka ba tsamaya mosepele o mo leele, gore a seka a tloga a baka kotsi ntateng ya letsapa kgotsa a thulamela. O supile gape gore baruti ba fiwa tlotlo e e kwa godimo ke maloko a dikereke, ka jalo ba dirise seo go tlhomamisa gore botlhe ba ba nang le keletso ya go tsamaya le kereke ka nako ya paseka ba dira tsotlhe tse di tlhokwang go baakanyetsa mosepele go sale nako, go itsa go dira sogwa-sogwane ka motsotso wa bofelo. 

Mothusa modulasetilo wa komiti ya ipabalelo tseleng ya Boteti, Superintendent Modiredi Khumo le ene o tlhalositse gore maloko a dikereke a amiwa thata ke dikotsi ka nako ya paseka mo bangwe ba felelang ba tlhokafetse.

Superintendent Khumo o supile gore dikotsi di ka bakiwa ke dilo tse di farologaneng di akaretsa go tlhoka go obamela melao ya tsela, go tlhoka go itekanela ga dipalamo, go kgweetsa ka lebelo le le kwa godimo le go tlhoka go dirisa mabante gore bapagami ba balesege ka nako tsotlhe.

Rre Khumo o ba kopile go begela mapodisi fa bakgweetsi ba sa ba kgweetse sentle kana ba tsamaya ka lebelo le le kwa godimo, a re, go dira jalo ba a bo ba somarela matshelo a bone.

Rre Gaebolae Motsamai go tswa mo lephatheng la ipabalelo tseleng o kopile maloko a dikereke ba ba neng baka tlala seatla gore, ba ithute go tlhatlhoba diteseletso tse di fiwang bakgweetsi le dikoloi tse ba tsamayang ka tsone go tlhomamisa gore ke tsa boammaaruri.

Rre Motsamai  o supile gape gore o tshwenngwa ke beng ba dipalamo ba ba kopang diteseletso tsa nakwana tsa go pega setshaba ka motsotso wa bofelo, selo se a reng se baka mosuke kwa diofising tsa bone le go siiwa ke nako ya ba ba tsayang mosepele.Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : LETLHAKANE

Event : Bokopano

Date : 15 Apr 2014