Ba akgolelwa mowa wa bopelotlhomogi
07 Apr 2014
Moithuti wa sekolo se se botlana sa Nlapkhwane mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, o digetse matsalo a gagwe a dingwaga tse di lesome le botlhano ka boitumelo morago ga go rolelwa ntlwana ya boitiketso.
Moithuti yoo, ebong Donald Judas yo o nang le bogole, o sa tswa go agelwa ntlwana ya boitiketso ke bodiredi jwa sekolo sa Nlapkhwane, ka thuso ya khamphani ya Destiny Car Rentals, e go tlhalosiwang e rekile di dirisiwa tsa kago eo tsa tlhwatlhwa ya P5 000.
Ntlwana eo, e ne ya agiwa gape ka thuso ya setlhopha sa kgwele ya dinao sa Mpochi le banana bangwe ba le babedi ba Nlapkhwane, ba ba lebogetsweng go tsenya letsogo le go aga ntlwana eo ka kitso ya bone ya go aga ntle le go lopa dituelo dipe.
Moithuti yo o dirang mophato wa borataro kwa sekolong sa Nlapkhwane e bile a dirisa kolotsana, go tlhalosiwa fa a tlhokafaletswe ke batsadi ka bobedi mme mo nakong eno a nna le nkukuagwe.
Dibui ka go farologana kwa moletlong oo, o neng o tshwaretswe kwa lelwapeng la ga Judas, ba galaleditse mowa wa bopelotlhomogi o o supilweng ke bodiredi jwa sekolo sa Nlapkhwane, ba re, se ba se dirilweng se tla ba busetsa tuelo e kgolo go tswa kwa Modimong.
E ne ya re a lekodisa batsena- moletlo oo ka loeto le ba le tsereng, go fitlhelela fa ba leng teng, mogokgo wa sekolo seo, Mme Lesedi Gobela a leboga botlhe ba ba nnileng le seabe mo go tlhomamiseng gore ditoro tsa bone tsa go thusa moithuti yoo di a diragala.
Mme Gobela a re, ba ne ba tsaya kgato ya go mo thusa ba lebeletse gore seemo se a leng mo go sone se tlhokana le gore go bo go na le ntlwana ya boiteketso mo lwapeng, go na le gore a bo a ya kgakala jaaka a ne a dira a thusiwa ke nkukuagwe.
O gateletse botlhokwa jwa gore batho ba nne le mowa wa bopelotlhomogi, a re, gangwe le gape ba nne ba gadima kwa baagisanyeng ba bone go lemoga botlhoki jo bo ka tswang bo le teng le go tlhapolola letsogo fa ba kgonang teng.
Mongwe wa barutabana mo sekolong sa Nlapkhwane, a lebagane le dithuto tsa bogakolodi, Rre Kudzani Ntima a re, go supa lorato mo bangwaneng, bogolo jang ba ba tlhokileng lesego mo botshelong, ke selo se segolo thata.
A re ,mongwe le mongwe o tshwanetse a ipotsa gore o diretse eng mongwe kgotsa tshaba ya lefatshe leno e e nang le botlhoki. O tsweletse a re, bone e le ba sekolo sa Nlapkwane, ka thato ya Modimo ba feletse ba kgona go fitlhelela kwa maikemisetsong a bone a go thusa Rre Judas.
Mookamedi wa Destiny Car Rentals, Rre Carlos Sebina a re, e rile ba utlwa mokgosi wa bodiredi jwa sekolo sa Nlapkhwane, ba ipha matsapa a go ya go sekaseka seemo seo, mme ba itlama go itumedisa Rre Judas.
Rre Sebina o supile fa e se lantlha ba thusa, mme ba kile ba dira jalo le kwa mafelong a mangwe a le mmalwa a lefatshe leno, a bo a tshepisa fa ba tla tswelela ba thusa fa ba kgonang teng.
Seabe se Destiny Car Rentals e kileng ya nna le sone se akaretsa go abela Rre Donald Kobo, seromamowa le diaparo tsa kgwele ya dinao, ya bo gape ya abela setlhopha sa kgwele ya dinao sa Mpochi dikgwele tse tharo, diaparo tsa ikatiso le di dirisiwa tse dingwe tse di amanang le motshameko wa kgwele ya dinao tse tsotlhe di lopileng P3 500.
Batsena- moletlo oo, le bone ba ne ba seka ba ipona tsapa, mme ba abela Rre Judas dimpho le P250.
Bangwe ba ba neng ba tshologile moletlo oo mokgosi ke Kgosi Edward Habangana wa Mapoka, Kgosi Mukani Modongo wa Nlapkhwane, mokhanselara wa kgaolwana ya Nlapkhwane Rre Farayi Bonyongo, mogolwane mo lephateng la thuto mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Angela Matlhape le baemedi ba makalana a CEDA le LEA gareng ga ba bangwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : NLAPKHWANE
Event : Kabo-ntlo
Date : 07 Apr 2014






