Morui o ntsha mpho ya dikgomo
07 Apr 2014
Morui mongwe wa Kang, Rre Henry Maapatsane o ntshitse dikgomo dile pedi go neela barui ba ba mo mafelong a a amilweng ke bolwetse jwa tlhako le molomo.
Fa a bua ka nako ya go amogela dikgomo tseo semmuso, molomaganyi wa tsa temo-thuo kwa Kgalagadi, Rre Joel Nkaikwa o boletse fa kgato e e tserweng ke ba lelwapa la ga Maapatsane ele e e tsamaelanang le pilara ya Tebelopele ya 2016 ya setshaba se se lerato, e bile se kgathala ka ba bangwe.
O galaleditse Rre Maapatsane go bona fa go le botlhokwa go fa ba ba seng lesego ka ntlha ya go tlhagoga ga bolwetse jwa tlhako le molomo. Rre Nkaikwa o kopile barui ba bangwe go thusa puso ka dikgomo gore tiro ya go busetsa leruo le le bolailweng ka nako ya bolwetse jwa tlhako le molomo e atlege.
Fa a ntsha la gagwe Kgosi Morabeng Phori wa Kang o ntshitse malebo mo tirong e ntle e e dirilweng ke ba lelwapa la ga Maapatsane. A re, ke maikarabelo a Motswana mongwe le mongwe yo o kgonang go thusa puso go nale go nna fela go solofetswe thuso mo go yone.
Kgosi Phori a re, kgaolo ya Kgalagadi e segofaditswe ka ga e mo go tse di amilweng ke bolwetse jwa tlhako le molomo. Rre Maapatsane a re, ba lelwapa la gagwe ba itumeletse go bo ba ntshitse bonnyenyane jo ba nang le jone go thusa puso.
A re, ba mo bohutsaneng le batho ba ba amilweng ke bolwetse jo, jalo ba bona go tshwanelwa go aba le go thusa puso mo go busetseng dikgomo tsa ba ba amegileng.
Le fa go ntse jalo, molomaganyi wa lenaneno la go busetsa batswa- setlhabelo leruo, Rre Thomas Tadubana le ene o supile malebo mo mphong eo, a tlhalosa fa go busetsa leruo kwa kgaolong ya Zone 7 go feditswe jalo go itebagantswe le Zone 6.
Rre Tadubana a re, tiro ya go busetsa dipodi mo dikgaolong tse di amegileng ke yone e e saletseng morago. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : HUKUNTSI
Event : Kamogelo semmuso ya mpho ya dikgomo
Date : 07 Apr 2014






