Batswana ba kopilwe go nna le karolo mo kabo madi a setshaba
17 Feb 2013
Mothusa tona ya dikgaolo le ditlhabolo tsa ma gae Mme Botlogile Tshireletso o kopile Batswana go tsaya karolo mo kabo madi a setshaba.
Fa a bua mo diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di tshwere kwa metseng ya Makwate, Shakwe le Taupye, Mme Tshireletso yo ebileng a leng mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Botlhaba one a re Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse a nne le seabe mo kabo madi a lefatshe.
A re ope Motswana go sa kgatlhelesege gore o kobo dikhutshwane kgotsa jang, o ka nna le seabe fa ba inaakanya le mananeo a puso bogolo jang a nyeletso lehuma. O ne a kopa morafe go sa salela morago, a re matshelo a bone a tshwanetse a tlhabologe ba tswe mo lehumeng.
Mme Tshireletso o ne a re ke poelo morag go bo motse ole motona jaaka wa Makwate, batho ba le lesome le boraro (13) fela ba bo ba supile kgathego go ka tsenelela mananeo a nyeletso lehuma.
Mme Tshireletso o ne a tlhalosa fa ba ba amegang batla rutuntshiwa ka mananeo, mme e re morago ba fiwe didirisiwa tse di tshwanetseng, ga mmogo le madi a go simolola madirelo, a re ka moo Batswana botlhe ba ka nna le seabe sa ntlha mo kabo mading a lefatshe leno, mme ka jalo ba itirele matshelo a botoka. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesedi Chikumbudzi
Location : Mahalapye
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 17 Feb 2013






