Dikolo di Itemogela Tlhaelo ya Dijo
17 Feb 2013
Dikolo tsa Kgalagadi borwa tse di potlana di itemogela tlhaelo ya dijo e sale dikolo di bulwa.
Mo potsolotsong le mogokgo wa sekolo sa Nhake Primary School mo Tsabong Mme Sophia Matthys a re e sale dikolo di bulwa bana gaba apeelwe sepe mo sekolong, a re ka kgwedi ya Hirikgong go ne ga tla setampa mme ya re fa se bulwa sa fitlhelwa se na le tshupa, are ba ne ba bitsa ba botsogo go tla go se tlhatlhoba mme sa busiwa.
Mogokgo a re se se ba ketefaletsa tiro ka bana ba bangwe ba felela ba satle sekolong, bangwe ba robadiwa ke tlala ka batla sekolong ba sa ja sepe.
Mogokgo Sophia Matthys a re ba ne ba bitsa pitso ya batsadi le barutabana gotla go bua ka mathata a a aparetseng sekolo sa bone, a re ba ne ba kopa batsadi gore ba direle bana mopako wa dijo fa batla sekolong, a re batsadi bangwe ba dira jalo bangwe gotlhelele ga ba kgone ka itsholelo e sa lekane.
Mogokgo o ne a tlhalosa gape fa bana le bothata jwa go tlhaelelwa ke dibuka tsa bana tse di kwalelang , a re Khansele ga e tsise dibuka ka nako, a re se se ba pateleditse gore ba kope batsadi go rekela bana dibuka gore thuto e seka ya kgoreletsega.
Morutabana wa sekole sa bana le bogole sa Special class Mme Malebogo Gabankafe a re le bone ba itemogetse tlhaelo e ya dijo, mme a re se ga se a ba ama thata ka bana batla sekolong sentle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thatayaone Ketlogetswe
Location : Tsabong
Event : Potsolotso
Date : 17 Feb 2013






