Breaking News

Mopipi o ipelela thobo

06 Apr 2014

Mokgatho wa bomme kwa motseng wa Mopipi o eteletse pele thulaganyo ya go rotloetsa morafe go itirela dijo le go tsosolosa ngwao ka go simolodisa moletlo wa ngwaga wa go ipelela thobo.

Ka Matlhatso, Moranang a tlhola malatsi a le matlhano bomme ba motse wa Mopipi ba eteletswe pele ke Mme Leretsenye Machilidza, mohumagadi wa ga Kgosi Oreagetse Machilidza ba ne ba phuthile morafe mo kgotleng go tla go ipelela thobo le go lebogela dipula tse di namagadi tse di tsweletseng ka go gosomane lefatshe ka bophara.

Kgosi wa motse wa Mopipi, Rre Kesegofetse Patelelo a re letsatsi la go ipelela thobo le botlhokwa thata ka gore le rotloetsa morafe go inaakanya le temo e le tsela y go itirela dijo.

Kgosi Patelelo o buile jalo a Matlhatso a amogela morafe mo kgotleng a re mono ngwaga go tla nna le dijo tse di nametsang morago wa dingwaga tse dintsi tsa komelelo ka jalo go botlhokwa go leboga Modimo ka seemo seo.

O gateletse gore tiro ya mofuta oo, ke la ntlha e rulaganngwa ke morafe wa Mopipi, a gatelela ka gore go dira jalo go tlisa mowa wa tirisano mmogo, tshwaragano le tswelelopele ya motse.

Kgosi Patelelo o akgotse thata maiteko a bomme a go bopaganya motse le gone go rotloetsa morafe go inaakanya le go itirela dijo tsa Setswana a tlatsa ka gore maikaelelo ke go tshwara tiro e ngwaga le ngwaga.

O gwetlhile borre go ema ka dinao go thus bomme go baakanyetsa letsatsi le, a re o kopa gore jaaka morafe o ipelela thobo o seka wa lebala diteme kgotsa dipuo tsa bone tse di farologanyeng mme jaanong go lebega di nyelela.

Le fa go ntse jalo Kgosi Patelelo one a rotloetsa morafe go ntsha dijo tse dintsi ka letsatsi le, a supa gore maikalelo ga se go ipelela thobo le go supa ngwao fela, sengwe sa botlhokwa ke go abelana le ba ba kobo dikhutshwane le ba ba senang le ba ba sa kgonang go lema ka ba sena lefatshe la masimo.

Sengwe se se tshwenyang Kgosi Patelelo ke gore le fa go pula e nele go utlwala ka jalo le kgonne go tokafatsa matshelo a ditshidi tsotlhe le dimela tota, a re ga a itumedisiwe ke barui bangwe ba ba sa tlhokomeleng leruo la bone mme le felela le senyetsa balemi.A re seemo seo ke go busetsa balemi kwa morago ka gore ba felela ba tswa kwa masimong ba iphotlhere.

Mokwaledi wa komiti ya bomme e neng e baakanyetsa moletlo, Mme Gaomodimo Leemeletse are megopolo wa go tshwara tiro ya mofuta o, o dule ka Mma Machilidza ngogola ka kgwedi ya Lwetse jaaka go ne go tshwerwe merapelo le go simolodisa letsema.

Mme Leemeletse are mosadi ke thari ya setshaba ka jalo maikalelo a mokgatho wa bone ke go rotloetsa bomme go etelela pele ka go rotloetsa morafe go lema e le tsela ya go oketsa dijo mo malwapeng le gone go rotloetsa ngwao.

Are maikalelo ke go rotloetsa morafe wa Mopipi go abelana e seng seemo se mongwe a ka lala ka tlala ntswa bangwe mo motseng ba kgonne go lema le gone ba bonye thobo e nametsang.

Moruti Galeage Letsatle wa kereke ya Roma go tswa kwa Letlhakane o akgotse morafe wa Mopipi fela thata are se ba se dirileng ke thulaganyo ya Modimo.

Moruti Letsatle are ke tsela ya go gakologelwe se Modimo a se dirileng jaaka one wa dira ka bana ba Iseraela ba ba neng ba le mo botshwarong jwa ga Kgosi Farwe kwa Egepeto ba bolawa ke tlala le lenyora.

A re boamaruri ke gore ba tshwanetse ba abele Modimo thobo ya ntlha mme le gone ba ntsha seabe se se nametsang e seng go aba mo ba setseng ba go tlhobogile.

Moruti Letsatle o rotloeditse morafe wa motse wa Mopipi go tswelela ba rapela Modimo go abelana jaaka ba supa ba eletsa go dira le gone go tlhokomela lefatshe le ba lemang mo go lone.

O supile gape ga gole botlhokwa go tshegetsa ngwao ya dikgafela le gone go kgaogana thobo le ba ba sa kgonang go lema. Moruti Letsatle a re go rulaganya tiro ya mofuta o, go neela morafe tsholofelo ya go tswelela ba loga maano a ka thusang gore o dire ka natla o bopaganya mo isagong.

“Ke mokete o segofaditsweng e bile o ratiwa ke Modimo e bile gape ke tsamaiso ya ngwao ya Setswana.”

Moruti Letsatle a re keletso ya gagwe ke gore moletlo o lomaganya morafe wa Mopipi, go tsosolosa ngwao le go oketsa thobo.

Mokhanselara wa Mopipi, Rre Matshwenyego Shaka a re puso e leboga thata ba ba dirisang sentle thuso e ba e fiwang jaaka go supilwe ke batho ba Mopipi ka go ntsha thobo e nametsang le go lema ka bontsi ka jalo a re ga ana tumelo ya gore mongwe wa balemi ba kgaolwana ya gagwe o ka ntshiwa mo lenaneong la ISPAAD la go thusiwa ke puso ka go bo a sa tlhokomela masimo.

Rre Shaka o rotloeditse morafe go godisa moletlo gore e seka wa nna wa go ipelela thobo fela mme ba o dirise go supa ngwao ka mmino le gone go rekisa se ba se robileng.

“Selo se e tshwanetse ya nna ditshupo tsa go bapatsa thobo ya lona.” BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : LETLHAKANE

Event : Moletlo wa go ipelela thobo

Date : 06 Apr 2014