Breaking News

Ndove o itumelela go tshwarwa ga phuthego

06 Apr 2014

Mothusa ratoropo wa Fransicitown Mme Joyce Ndove  e rile bosheng, a galaletsa Gender Links Botswana ga mmogo le Botswana Association of Local Authorities BALA, go tshwarela thuto-puisano ya ntlha ya  kgaolo ya SADC e e itebagantseng le bong kwa Francistown bosheng.

Mme Ndove a re, Botswana  o lebaganwe ke kgokgontsho ya bong gammogo le palo e potlana ya bomme ba ba tsayang karolo mo go tsa polotiki. Ka jalo, a re,  maiteko  a Gender Links Botswana le BALA  a botlhokwa fela thata mo go rotloetseng bomme.

Moono mogolo wa thuto puisano  e ne e le tekatekano ya bong  le go emisa kgokgontsho ya jone, mme go ne go ikaeletswe  go itebaganya le kgokgontsho ya bong mo dilong di tshwana le  go fa bomme marapo mo go tseyeng karolo mo polotiking.

Thuto-puisano ya malatsi a matlhano e ne gape e itebagantse le palo e potlana ya bomme mo maemong a a kwa godimo mo ditirong.

Thuto-puisano e ne e akareditse  badiri go tswa mo dikhanseleng tsa bokone jwa lefatshe leno di akaretsa Francistown, Chobe, Selebi  Phikwe, Bokone- Bophirima, Bokone- Botlhaba, Bobirwa, Sowa, Boteti le Tonota.

Gone gape go na le dikgaisano tse dikhansele di neng di supa tiro ya tsone mo makalaneng  a a farologane jaaka  go lekalekana ga bong le ditshwanelo tsa bomme.

Khansele ya Selebi Phikwe e ne ya tsaya maemo a ntlha, fa Chobe, Bokone  Botlhaba le Bokone Bophirima di ne tsa tsaya maemo a bobedi go fitlha ka a bone ka go latelelana.

Fa a ema ba ba tsereng dikgele ka lefoko, Mme Ndove a re,   dikhansele di tshwanetse tsa nna le maikaelelo a go nna le mananeo  a a lebaneng le go tokafatsa  dikgang tse di lebaganeng le bong.

A re, go nna le sebaka sa go buisa phuthego, mo e neng e le  nngwe ya dintlha tse go neng go rutuntshiwa ka tsone kwa  thuto-puisanong e, ke selo sa tlhwatlhwa mo bathong ba e tlaa nnang makhanselara ka gonne go nna le seriti  go a tlhokega fa motho a buisa setshaba.

Mothusa ratoropo o akgotse mookamedi wa Gender Links Botswana, Mme Keabonye Ntsabane go bo a sa ipone tsapa ya go buelela  ba ba sa kgoneng go ikemela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : FRANCISTOWN

Event : Thuto-seka-dipuisanyo

Date : 06 Apr 2014