Monna o bolailwe ka molamu
06 Apr 2014
Mapodisi a Tutume a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe wa dingwaga tse di masome a supa le borobabobedi (78) wa Makuta, mo kgaolong potlana ya Tutume, a latlhegetswe ke botshelo morago ga go itewa ka molamu ke yo mongwe wa dingwaga tse di masome a marataro le bone gone kwa Makuta.
Detective Assistant Superintendent Bigboy Nkhwanana o boleletse BOPA fa borre bao ba ne ba tlhoka kutlwisisano mme mongwe a felela a iteile yo mongwe ka molamu. O tlhalositse fa tiragalo eo e diragetse mo lelwapeng ka nako ya maitseboa bosheng.
Rre Nkhwanana a re ba ile ba ragosetsa rre yoo kwa kokelong ya Tutume kwa go tlhomamisitsweng fa a tlhokafetse.
O boletse fa setopo se le kwa setsidifatsing sa Kagiso go leta go tlhatlhojwa ke ba bongaka.
O ile a tlhalosa fa ba tshegeditse monna yoo wa dingwaga tse di masome marataro le bone go ba thusa mo ditlhotlhomisong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Buyendasi
Location : TUTUME
Event : Pego ya Sepodisi
Date : 06 Apr 2014






