Maboka o leboga baithaopi ba mapodise
06 Apr 2014
Mookamela mapodise a Mochudi, Senior Superintendent Seabe Maboka, a re mowa wa kutlwelobotlhoko ke one fela o o ka isang tshaba ya lefatshe leno golo gongwe.
Senior Superintendent Seabe o buile jalo kwa pulong semmuso ya ntlo kwa motseng wa Malolwane e e neng ya agiwa ke baithaopi ba twantsho borukutlhi mo lephateng la sepodise, ba motse oo.
A re Bakgatla ba lesego fela thata, a supa fa kgwedi e e fetileng ba ne ba abela bangwe ntlo kwa motseng wa Dikgonnye; a kaya fa seo se supa fa Batswana ba gatetse pele mo go diragetseng letshego la tebelopele ya setshaba, la tshaba e e kutlwelobotlhoko.
O ne a supa fa baithaopi bao ba mapodise ba dirile tiro e ntle fela thata a tlatsa ka gore se se itumedisang ka bone ke gore ga ba atswiwe ka madi a mantsi mme ba kgonne go agela bangwe ka bone ntlo. O ne a tshwaela gape a re ka go aga ntlo eo ba tiisitse seriti sa boora Mokgele, a supa fa ntlo e le yone selo sa botlhokwa mo botshelong jwa motho.
Fa a kgothatsa bana ba ba neng ba abelwa ntlo o ne a ba gakolola gore ba seka ba phutha matsogo go emela go direlwa, a tlhalosa fa puso e na le mananeo a a farologaneng mme a ba rotloetsa go inaakanya le one go tokafatsa matshelo a bone.
O tsweletse a ba kopa go tlhokomela ntlo eo a re ke mpho e tona fela thata, ka e agilwe ka mowa wa lerato, a tlhalosa fa le bone ba tshwanelwa ke go e fa lerato.
Senior Superintendent Seabe o ne gape a kopa kgosi ya motse go bona gore ga go ope yo o ba amogang ntlo eo, a kaya fa go le gantsi ba masika ba na le mokgwa wa go tseela bana ditsabone.
Fa a tswa la gagwe Mme Boingotlo Makakaba, yo e neng e le modulasetilo wa lekoko le le neng le aga ntlo eo ya dikamore tse pedi, o ne a tlhalosa fa ba ne ba tswa ka mogopolo o ngwaga o o fetileng, go thusa bana bangwe mo motseng ba dikhutsana go ba agela ntlo.
O ne a kaya fa ba ne ba ikgolaganya le mmaboipelego yo o neng a ba batlisa bana ba ba nang le letlhoko la boroko.
O tlhalositse fa ka nako eo ba ne ba tshwanela ke go ntsha madi mo dipateng tsa bone go bona gore ba simolola go aga ntlo, a tlatsa ka gore ba ne ba kopa dithuso mo bathong le dikompone ka go farologana.
Mme Makakaba a re ba marekisetso a The Chemist, Builders World, Rre Segale Mokotedi, yo o neng a ithaopile go e aga le ba lebentlele la Plascon ke bangwe ba ba nnileng le seabe mo kagong ya ntlo eo, a tlhalosa fa le mokhanselara wa bone le ene a ne a ba eme nokeng dinako tsotlhe.
A re ba nnile le kgwetlho ya letlhoko la metsi, a tlhalosa fa seo se ne sa seka sa ba kgoba marapo ka ba ne ba eletsa go bona ntlo eo e fedile.
E ne ya re gole pele, fa a amogela baeng, Kgosi Esron Bogatsu a supa fa mowa wa boithaopo o le teng mo motseng wa gagwe, a kaya fa le ene o mo kgotsofatsa fela thata.
A re baithaopi bao ba dirile tiro eo e le bomme fela ba le boferabobedi ba sa ipone tsapa, a supa fa seo e le mowa o montle fela thata mme a ba rotloetsa go tswelela ba dira jalo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : MOCHUDI
Event : Pulo semmuso ya ntlo
Date : 06 Apr 2014






