Breaking News

Ditiro tsa Ipelegeng di tsweletse

06 Apr 2014

Modulasetilo wa khansele ya borwa  Rre Leach Tlhomelang a re,  khansele ya gagwe e nale ditiro di le 470 tsa Ipelegeng.

Fa  a bua mo phuthegong e e tsweletseng ya khansele kwa Kanye, Rre Tlhomelang a re, ditiro di le 391 ke tse di neng di akanyeditswe, fa tse di 54 di le ka fa tlase ga tsamaiso ya morafe , mme tse  25 e le tse di neng di saletse kwa morago.

A re,  ditiro di le 435 di setse di simolotswe fa tse di 127 di feditswe. A re, go tshwanetse ga simololwa  tse 35.  O tsweletse a re, lenaneo la Ipelegeng le filwe karolo e kgolwane mo paakanyong ya sekole se se botlana sa Mmathethe.

Rre Tlhomelang a re, matlo a borutelo  a dikole tsa Sese le Tankane a setse fela ka go rulelwa fa a Leporung a tsweletse ka go agiwa mme otlhe a agiwa  ka lenaneo la Ipelegeng. A  re, P8 million o dirisiwa go baakanya  dikole tse dingwe di ferabobedi ka fa tlase ga lenaneo la Ipelegeng .

O tsweletse  a re, mme tiro e saletse kwa morago ka gonne  di dirisiwa di tsile morago.

A re, mo ngwageng ono wa madi, khansele e  ikaelela go ala bontsi jwa ditsela mo kgaolong. A re, go ala  dimmithara di le 500 tsa tsela e e yang kwa matlong a badiri a Kgakgwe ka lenaneo la Ipelegeng go setse go le fagare ga go fela, a tlatsa ka gore dikhilomithara tse 1.5 tsa go ala tsela go ya kwa kgotleng ya  Molapowabojang go tsweletse. 

A re khansele e tsile go tswelela ka go dirisa lenaneo la Ipelegeng go aga matlo a boroko a barutabana  go fokotsa letlhoko la one. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : KANYE

Event : Phuthego ya khansele

Date : 06 Apr 2014