Breaking News

Banni ba ikuela mo mopalamenteng wa kgaolo

17 Feb 2013

Banni ba motse wa Makwate mo Kgaolong ya Mahalapye ba ikuetse mo go mopalamente wa bone ebile e le mothusa tona ya dikgaolo le ditlhabololo tsa magae, Mme Botlogile Tshireletso fa ba tla dika ba sa roba sepe.

Se se builwe ke modulasetilo wa komiti ya Ditlhabololo wa motse Rre Solly Senamo fa a ne a lekodisa kwa phuthegong ya kgotla ka mafelo a beke. Rre Senamo o boletse fa ba sena go ora molelo wa mariga ba nonne pelo, mabaka e le letlhoko la pula go ka godisa temo ya bone.

O tlhalositse fa go nnile le dibetso tsa tlholego, a re go nnile le dipula tse di boutsana, mme letsatsi le lone le iphile maatla. O ne a re, e kare ga go a lekana, mo go neng go mela, dinonyane tsa tlhaga di iphile matla.

Mo go tse dingwe, Rre Senamo o ne a ikuela ka letlhoko la boroko jwa bodirelapuso mo motseng.

O ne a tlhalosa fa barutabana ba sekolo potlana ba le lesome le bosupa mme matlo a le borefabongwe se se dirileng gore ba bangwe ba kope boroko mo motseng.

Fa a tswa la gagwe, Mme Tshireletso yo ebileng a leng moplamente wa kgaolo, o ne a kopa morafe go inaakanya le mananeo a nyeletso lehuma go tila tlala le leshekere.

O ne a tlhalosetsa morafe gore go mananeo a okametsweng ke ba Lephata la Boipelego a akaretsa go dira: jeme,marotho, moriri, go apaya, go hirisa ditente, thuo ya dinotshe, tshugo ya matlalo, go roka mme ka jalo a kopa botlhe go a tsenelela go ka intsha mo tlaleng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesedi Chikumbudzi

Location : Mahalapye

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 17 Feb 2013