Ba Danega ba mo lenyoreng
03 Apr 2014
Modulasetilo wa komiti ya Ditlhabololo tsa motsana wa Danega kwa mo kgaolong ya Nhabe, Rre Saulo Sauqho o ngongoregetse letlhoko la metsi mo motsaneng wa bone.
E rile mo potsolotsong le BOPA bosheng modulasetilo a tlhalosa fa letlhoko la metsi le le apreng motsana oo, le pateleditse bontsi jwa batho go iphalotsa ka go fuduga mo motsaneng oo go latela metsi kwa metseng e mengwe jaaka Gumare le Nokaneng.
Rre Sauqho a re ba sa le ba ikuetse kwa go mokhanselara wa bone, Rre Latlhang Molonda ka bothata joo mme a ba solofetsa go baakanya seemo mme nako kgolo ke eno.
A re mo nakong eno ba lesego ka gore ba sa ntse ba nwa metsi mo nokeng le a megobe ntswa a sa siamela botsogo jwa bone. “Ka dinako tsa komelelo matshelo a rona a gomagomediwa ke go tsena mo diphatsheng ka jaana batho le diphologolo di tshwana le ditlou re lwela metsi mo molapong, selo se se ka tsenyang matshelo a rona mo diphatseng nako nngwe le nngwe,” o tlhalositse jalo.
A re seemo sa letlhoko la metsi mo motsaneng wa bone se a tshwenya ka se fetotse motsana wa bone go nna letlotla morago ga gore batho ba tshabe lenyora.
A re mo dingwageng tse di fetileng motsana wa bone o ne o na le palo ya batho ba feta makgolo a matlhano mme jaanong go setse palonyana fela ya 198 go ya ka palo batho e e sa tswang go feta.
Rre Sauqho o bile a ngongorega ka diphologolo tsa naga tse di ba senyetsang dijwalo kwa masimong di akaretsa ditlou, dikubu, bonoko fa kwa letlhakoreng le lengwe ditau le tsone di ba jela leruo.
O boletse fa ntlha eo e tshwenya ka gore diphologolo tseo di tswa mo terateng e e agilweng go kgaoganya leruo le diphologolo mme di tlolele ntlheng ya leruo ka kwa mafudisong.
O kopile puso go baakanya terata eo ka e sule, go itsa go kopana ga leruo le diphologolo tsa naga mo go ka felelang go baka tlhagogo ya bolwetse jwa tlhako le molomo.
Rre Sauqho o ngongoregetse baoki ka go tlhoka go etela motsana wa bone go ba neela kalafi, a re ka ntata ya go tlhoka go ba etela ba patelesega go latela bongaka kgakala.
Modulasetilo o ile gape a kopa khansele potlana ya Okavango go oketsa palo ya badiri mo lenaneong la Ipelegeng go tswa mo go masome a mabedi le bobedi go ya kwa go masome a mane gore bontsi bo kgone go inamola mo lehumeng ka ba ikaegile ka lone e bile go sena ditiro mo motsaneng wa bone.
Mabapi le lenaneo la Nyeletso lehuma, a bolela fa ba le utlwalela fela mo diromamoweng le ise le goroge mo motsaneng wa bone, a bo a kopa ba ba tshwanetseng go tsamaisetsa lenaneo leo kwa motsaneng wa bone gore ba tlogele go ikaega fela ka la Ipelegeng.
O kopile gape gore puso e ba agele leobo la kgotla ka jaana kgosi a sa kgone go dira tiro ya gagwe sentle bogolo jang ka nako tsa dipula le gore go teratelelwe diofisi tsa VDC go emisa tshenyo e e bakiwang ke leruo. Motsana wa Danega, go ya ka modulasetilo, o sale o nnile teng go tloga ka ngwaga tsa bo 1930. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Rebecca Katjimure
Location : DANEGA
Event : Potsolotso
Date : 03 Apr 2014






