Makhanselara a Borwa a rola matshwenyego
03 Apr 2014
Makhanselara a kgaolo ya Borwa ba sa tswa go kopa khansele gore letsatsi la go rekisa le go ipapatsa mo dikgwebong tsa morafe tsa diatla le tshwanetse la tseelwa kwa godimo eseng go dira ditshupegetso fela.
Makhanselara a Borwa a buile jalo fa ba akgela mo puong ya modulasetilo wa khansele ya Borwa Rre Leach Tlhomelang bosheng. Mokhanselara wa Ranaka Rre Kenalemongwe Mopipi, a re, o eletsa gore letsatsi la go rekisa le ipapatso le nne la morafe, a bolela gore kwa Ranaka ba kile ba le leka mme la atlega.
A re, le gompieno letsatsi le, le ntse le tsweletse le a bereka. Rre Mopipi o tsweletse a re, komiti ya ditlhabololo tsa motse e bereka go itsise morafe gore go nne le phuthego ya letsatsi la ipapatso, a re o batla gore letsatsi le, le seka la tsewa jaaka letsatsi la ditshupo.
O tsweletse a kopa gore matlo mangwe a batlhoki a agelelwe ka beng ba one ba sena bokgoni bope jwa go ikagelelela. O file sekai ka a le mabedi a a reng a agilwe kwa kgaolong ya gagwe kwa Ranaka.
Mme Maobene Molefe, mokhanselara wa Goodhope, a re, seemo sa dipone tse di laolang dikoloi se a tshwenya ka di nna fela di sa bereke, a fa sekai ka tse di fa diofising tsa mapodise tsa Sejelo.
O boletse fa le tse di fa Bangwaketse filing station di sena sesupo sa go supegetsa dikoloi tse di tswang kwa King George gore di tsena leng.
Mokhanselara Molefe o ngongoregile ka madi a a fiwang bana a dikgaisanyo tsa banana tsa dikgaolo, a re , ga a nne le mosola mo bananeng ka ga go bewe leitlho gore a ba a dirisa sentle.
O boletse gore o eletsa segolo go ka bo go bonwa gore a madi a, ba a dirisa go reka paka ya metshameko le ditlamelo tse dingwe tse ba di tlhokang fa ba le mo dikgaisanong tse.
Mme Molefe a re, o eletsa gore tota go batlisiwe gore a madi a banana ba a dirisa ka fa tshwanelong kgotsa ga a ba tswele mosola. Mokhanselara wa Maokane/ Tsonyane Mme Utlwanang Seakgo e ne a re, sekolo se se botlana sa Lefoko ga sena ntlo e ntsha ya boapeelo e bile go santse go dirisiwa dikgong go apaya.
A re se, se baya babereki ba ba apayang ba sekolo seo ka fa mosing ka ke sone fela mo kgaolong ya gagwe. Mme Seakgo o tsweletse a re, seemo sa borukutlhi kwa Konyane ga se jese di welang ka gore sepodise sa Jwaneng ga se nke se ya diphuthegong le fa ba laleditswe tota.
A re, banni ba Tsonyane ba utswelwa leruo go bo go ya fela jalo go sena ope yo o ka dirang ditlhotlhomiso.
O boletse gore banni ga ba tseye baithaopi ba ba lwantshang borukutlhi tsia, ka jalo go tsisiwe special constables, gongwe ke gone go ka nnang botoka e bile seemo sa borukutlhi seka wela tlase. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : KANYE
Event : Phuthego ya khansele
Date : 03 Apr 2014






