Banana ba Tirelo Setshaba ba kopilwe go dira ka natla
03 Apr 2014
Banana ba ba dirang mo lenaneong le le sha la Tirelo Setshaba ba kopilwe go direla metse ya bone ka natla le manontlhotlho.
Se se builwe ke Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Botlogile Tshireletso fa a buisa diphuthego kwa Shakwe le Taupye ka Laboraro, Moranang a tlhola gabedi.
Mme Tshireletso a re ke nako ya gore banana ba tshware ka thata mme ba bo ba tlhabolole matshelo a metse ya bone. A re ba tla rotloetsana ka ba direla mo magaeng a bone go bona gore ba nna le seabe se se tona mo go tlhabololeng ditirelo , bodiredi le matshelo a morafe wa bone.
Mme Tshireletso o ba kopile go dira ba tsentse marapo mo dinameng le ka botswapelo gonne ke nako ya gore ba nne le seabe mo metseng ya bone. Le fa go ntse jalo, Mme Tshireletso o kopile banana ba Tirelo Setshaba go sa nna meriti e tsididi mo lenaneong leo.
A re ba tshwanetse ba itse fa ba tshwanelwa ke go tsaya malebela go ithuta tiro, mme ba nne le go batla go ka itlhabolola le go feta ka go tswelela ba batla ditiro golo gongwe kana go itshimololela dikgwebo.
A re, le ntswa bangwe ba ka akanya gore tirelo setshaba ga e botlhokwa, ga go tshwane le motho a sa bone sepe kgwedi e fela. O tsweletse a re, lenaneo la Tirelo Setshaba le diretswe go inola banana mo letlhokong la ditiro mme ele go ba rotloetsa ka go dira sengwe, ka moo a ba rotloetsa gore ba seka ba nna fela.
O bile a rotloetsa bao ba leng mo tirelo setshaba go ka ikoketsa dithuto ka lenaneo le tshwana la BOCODOL, mme e re go tsweng foo a bone mafulo a matalana.
Fa ba mo kgwa dikgaba banana ba metse e, ba ne ba lebogela lenaneo la tirelo setshaba go menagane. Rre Kgosiemang Ganne wa Shakwe a re, puso e beile mo mpaananeng mananeo, mme o rotloetsa banana go ema ka dinao ba a ipagololela gore ba tle ba obe letsogo le go direla setshaba sa bone.
Mme Lorato Dikeledi o lebogetse lenaneo la tirelo setshaba a re, le tla ntsha banana kwa lenaneong la Ipelegeng. A re, go bo go tserwe banana ba le palo, go tla dira gore ba eseng banana ba bone tiro ka mokawana kwa lenaneong la Ipelegeng ka ba ntse ba e lwela le banana.
Fa a tswa la gagwe, Rre Edward Mogalakwe wa Taupye le ene fela jalo o galaleditse mananeo a nyeletso lehuma a re, ba tla a dika ba orile molelo wa mariga. Rre Mogalakwe o kgothaditse Batswana ka kakaretso go le aramela le sa tlhabile.
A re, ba inaakanye le mananeo a puso ka go farologana gore ope a seka a wela mo isong.
Mothusa tona Tshireletso o ne a lekodisa morafe ka koketso ditlhwatlhwa mo mananeong a puso ka go farologana a akaretsa madi a bagodi, a badiri ba Ipelegeng, basitli ba kwa dikolong, batlhokomedi ba balwetsi kwa malapeng, Ipelegeng le baapei ba Ipelegeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesedi Chikumbudzi
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 03 Apr 2014






