Ba Lecheng ba rotloeditswe go lwantsha kgotlholo e tona
03 Apr 2014
Mooki mogolo kwa sepateleng se se potlana sa Palapye, Mme Sekani Chikunyana a re setshaba se tshwanetse go tlhabantsha bolwetse jwa kgotlholo e tona gore bo seka jwa anama.
Fa a bua kwa letsatsing la ithutuntsho ka kgotlholo e tona kwa Lecheng ka Labobedi, Moranang e rogwa, Mma Chikunyana o tlhalositse fa kgotlholo e tona e sa tshwanela go gapa matshelo a batho ka ea alafesega.
A re go fitlhelela bao ba ba amilweng ke bolwetse jo, le go bo emisa, go botlhokwa go godisa le go oketsa mananeo a kgotlholo e tona segolo bogolo mo go ba ba mo diphatseng jaaka bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga botlhano, ba ba tshelang ka mogare wa HIV/AIDS, le ba ba nang le mogare wa kgotlholo e tona o o palelang dipilisi ga mmogo le bao ba ba mo mafelong a a kgotlhaganeng jaaka dikolo, dintsho le kwa ditirong.
Le fa go ntse jalo, Mma Chikunyana a re ba botsogo ba santse ba nale kgwetlho ya gore batho bangwe ga ba ntshe sehuba le mororo go belaesega bana le mogare wa kgotlholo e tona.
A re, puso e tsile ka mananeo a masha a dirisiwang go goga segotlhola mo baneng ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga botlhano, a tlatsa ka gore go nale mothale o mongwe o mosha oo dirisiwang go tlhatlhoba kgotlholo e tona.
O tsweletse ka gore bolwetse jwa kgotlholo e tona bo anama ka phefo, ka jalo go tshwanetse go netefadiwa gore phefo e e hemiwang ke batho e phepa.
O rotloeditse gore go bulwe matlhabaphefo mo bookelong, dipalamo tsa setshaba, kwa malwapeng le matlo a borutelo.
A re, go tlhatlhoba ba ba amaneng le molwetsi jwa kgotlholo e tona ke nngwe ya ditsela tse di botlhokwa go lwantsha bolwetse jo. A re, go nale lenaneo le le dirisiwang la go fa balwetse dipilisi kwa lwapeng, le e leng gore molwetse o ka fiwa dipilisi ke lesika, tsala kana moithaopi.
O tladitse ka gore lenaneo le, le fokotsa go ema lebaka mo dikokelwaneng. Mma Chikunayana a re,kalafi ya kgotlholo e tona ke dikgwedi tse thataro kana go feta mme dikai tsa bolwetse jo ke go gotlhola lebaka la beke tse pedi le go feta, go gotela, go fufula bosigo le go latlhegelwa ke nama.
Fa a tswa la gagwe mongwe wa ba ba amilweng ke bolwetse jo Rre Kabelo Marepi, o rotloeditse banni ba motse wa Lecheng go ikemela ka dinao ka gore bolwetse jo bo a fola.
A re, fa motho a tshwerwe ka mogare wa kgotlholo e tona, ga a tshwanela go tsamaya thata go babalela ba bangwe gore mogare o seka wa anama.Banni ba gakolotswe go ikgapha mo bojalweng le motsoko fa ba tsaya kalafi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : LECHENG
Event : Ithutuntsho ka kgotlholo e tona
Date : 03 Apr 2014






