Komiti ya ditlhabololo e hupile molomo wa tlase
02 Apr 2014
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse kwa Lotlhakane Botlhaba mo kgaolong ya Ngwaketse Borwa, Mme Mosidi Ponatshego a re komiti e na le letlhoko la madi.
Le fa go ntse jalo ba dira ka natla go tlhabolola motse. Mme Ponatshego o buile jalo mo potsolotsong bosheng. A re komiti ya ditlhabololo tsa motse e na le matlo a a hirisitsweng gore a tlhabolole motse, a supa fa mangwe a one a se mo seemong se se kgatlhisang go ka nna batho.
A re ngogola ba ne ba kgona go kgobokanya madi go aga loobo lwa kgotla ka mokgatlho wa boithaopo mme khansele potlana ya Kanye ya ba thusa ka dithulelo le go duela moagi.
O boletse fa ba dirisana sentle le khansele ya Borwa, ka e ba thusa ka babereki ba Ipelegeng go tsenya letsogo mo go berekeng ditiro tsa motse. A re le fa ditiro di le dintsi, khansele e ba thusa ka go thapa babereki dikgwedi di le tharo gore madi a ba a tsayang ba kgone go itshetsa ka one.
Mo go tse dingwe, Mme Ponatshego a re ba kopile khansele go aga borogo jwa makgabaganyo ka motse o kgaogantswe ke molapo. O tlhalositse gore fa e le dipaka tsa dipula go feta metsi a mantsi mo batho le bana ba dikole ba ka se keng ba kgabaganye.
O kopile khansele go tsibogele seemo sa letlhoko la matlo a borutelo sa dikole tse di potlana tsa Phutisutlha le Lotlhakane. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Oteng Mae
Location : KANYE
Event : Potsolotso
Date : 02 Apr 2014






