Palapye o golela pele
02 Apr 2014
Palapye ke mongwe wa metse e godileng thata mo lefatsheng la Botswana mme e bile o supa fa o tla tswelela o gola. Motse o o simologile o le fa seporong sa terena kwa go bidiwang Palapye wa bogologolo tsatsi jeno mme gompieno o aname dintlha tsotlhe.
Dipalo tsa batho ba motse o, di tsweletse ka go gola. Palo-batho e e dirilweng bosheng ka ngwaga wa 2011 e supile fa batho ba Palapye ba le 46 000. Le fa go ntse jalo, dipalo tse di tsweletse ka go golela pele ka selekanyo se sekwa godimo, mme potso e ka nna gore, ka goreng?
Mothusa kgosi ya Palapye, Kgosi Masego Olebile, o tlhalositse fa bontsi jo bo thologelang mo Palapye bo ngokiwa ke ditlhabololo tse di tsweletseng ka go tla ka mmetela mo motseng wa gagwe.
A re Palapye o fetogile fela thata, ga a sa tlhole a lebega jaaka Palapye wa bogologolo yo o neng a itsege ka ‘seteishane’. A re Palapye o tswa kgakala ele makgatlhanela thapong, banni ba motse o ba ne ba itshetsa ka go rekisa dijo, majalwa le tse dingwe fa maemelong a diterena.
Bontsi jwa barekisi e ne e le ba ba tswang ntlheng ya Tswapong. Kgosi Olebile a re batho ba metse e gaufi jaaka Serowe ba ne ba lemoga fa kgwebo e le ntsi thata mo Palapye mme ba kgatlhegela go nna teng.
E ne yare go ntse go tsweletse, mo dingwageng tsa bo 1930, batho ba ne ba oketsega ka bonya ka bonya mme ba nna le kgosi e ba laolang. Go ne ga ntshiwa moemedi wa kgosi go etelela morafe oo, ebong Kgosi Mokgwane.
Kgosi Mokgwane o ne a kgobokanya batho a dira setlhopha se le sengwe. Ka ngwaga wa 1937, Kgosi Olebile a re ga bo go tsisiwa mothusa kgosi a bidiwa Segotso Ngwato, yo o neng a tsile mo thomong ya ga Kgosi Tshekedi.
Kgosi Ngwako o ile a tla le bomonnawe ebong Kediretswe Ngwako le Ungwang Ngwako. Ka ngwaga wa 1958, motse wa bo o fuduga kwa Old Palapye go tlolela seporo ntlha e ngwe.
Go ne go na le dikgotla di le nne fela ka ngwaga oo. Dikgotla tse e ne e le Boikago, Serorome, Madiba le Lotsane mme di tlhamilwe ke Ngwako le bomonnawe mme tse dingwe jaaka Thomadithotse, Khurumela tsa tla kwa morago motse o ntse o tsweletse ka go gola.
E rile ka ngwaga wa 1995 ga tla morwalela o mashetla o ileng wa senya dilo di le dintsi jaaka mantlo le batho ba le bantsi ba latlhegelwa ke matshelo. Morwalela o o ne wa kgaoganya batho wa ba wa kgaoganya le motse, bangwe ba ne ba nna kwa go leng kwa godimo, kwa gompieno re bonang Kgotla ya Khurumela teng.
Ka ntlha e, go ile ga tlhamiwa dikgotla tse dingwe gape mme palo ya dikgotla mo Palapye e ne ya oketsegela kwa go lesome le boraro. Ka ngwaga wa 2005, ga nna le bontlha bongwe jwa Palapye jo bo bidiwa di-extension.
Di-extension di laolwa ke dikgosi tsa dikgotla tse di farologaneng gone mo Palapye. Extension 6 le 7 di laolwa ke kgotla ya Serorome. Di-extension tsotlhe ka palo di lesome.
Ditlhabololo le dikgwebo mo motseng wa Palapye le tsone di ile magoletsa. Palapye mo bogompienong o ikgantsha ka sekole sa mmadikolo wa bobedi o itebagantseng le dithuto tsa maranyane.
Dingwe tsa ditlhabololo tse di bonwang mo motseng wa Palapye ke moepo wa magala wa Morupule, madirelo a fetlhang motlakase a magolo mo lefatsheng leno a Morupule B, diofisi tsa mapodise tse di sha, madirelo a diphaephe tsa metsi, le tse dingwe tse di sa ntseng di dirwa di tshwana le madirelo a digalase. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lorato Gaerobale
Location : PALAPYE
Event : Phuthego
Date : 02 Apr 2014






