Breaking News

BOPEU e abela Lotsane

02 Apr 2014

Lekgotla la babereki ba puso la BOPEU le abetse sekole se se golowane sa Lotsane kwa Palapye dibalamakgolo tse di akgiwang di le supa, tse di lopileng P45 000, segoagoe sa P20 000 le thelebisene ya P6 300.

Fa a rolela sekole seo didirisiwa tse, moeteledipele wa lekgotla la BOPEU, Rre Andrew Motsamai, a re maikaelelo le maikemisetso a bone mo lekgotleng ke go tokafatsa seemo sa thuto mo sekoleng se, ga mmogo le go thusa puso fa e tlhaetseng go rekela sekole seo didirisiwa.

Rre Motsamai o ne a kgothatsa baithuti le barutabana go lwa ka gotlhe mo ba go tshotseng go tokafatsa maduo a bone a thuto gore ba ntshe dialogane tse di tla bonang diphatlha kwa mmadikolo.

O tlhalositse fa lekgotla la gagwe le tshwenngwa ke maduo a nnang ale kwa tlase ngwaga le ngwaga, a re keletso ya lekgotla la gagwe ke go bona sekolo sa Lotsane e nna sengwe se se gaisitseng mo lefatsheng ka maduo a mantle.

A re ka jalo ene le lekgotla la gagwe ba ikaeletse go thusa ka fa ba ka kgonang ka teng gore sekole se se seka sa sokola mo go feteletseng ka ditlamelo.

O ne a solofetsa baithuti gore ba kgonang go kokoanya dintlha dile masome a mane le borataro (46 Points) go ya kwa godimo, lekgotla le tla a ba rekela dibalamakgolo tse di akgiwang mongwe le mongwe wa bone, go tswelela ba di dirisa le kwa dikoleng tse di kgolo kana kwa mmadikolo.

O ne a tlhalosa fa barutabana ba ba gaisitseng bone ba tla a bona dikatso tsa go dira ka natla. E rile a amogela dimpho tseo, mogokgo wa sekole sa Lotsane, Rre Tshokologo Dineo, a kaya fa a leboga lekgotla la BOPEU, ka ba bone go tshwanela gore ba tswe batsadi ba sekole sa bone, a tswelela ka go tlhalosa fa ba nnile le thuso e ntsi fela thata mo go sone.

A re go tshwaragana le sekole sa gagwe go fokoditse letlhoko le lentsi le le neng le se apere. O weditse ka go kgothatsa baithuti gore ba ithute ka tlhoafalo go itsa go kgoba maloko a lekgotla la BOPEU marapo.

Mogokgo o ne a lebogela barutabana seabe sa bone mo thutong ya bana se ebile se supagetseng fa sekole seo se dialogane tse di dirileng go tlala ka diatla mo maduong a monongwaga.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Selinah Samson

Location : PALAPYE

Event : Kabo-dimpho

Date : 02 Apr 2014