Elang tlhoko batho ba ba botlhabetsi - Reatile
01 Apr 2014
Maloko a phati ya Botswana Democratic Party (BDP) a gakolotswe go ela tlhoko batho ba ba botlhabetsi mo phathing ya bone.
Mafoko a, a builwe ke Mopalamente wa Ngwaketse Bophirima, Rre Mephato Reatile, mo phuthegong ya phatlalatsa ka Sontaga, kwa Molepolole.
Rre Reatile o boile gape a gakolola maloko fa phathi ya Domkrag e tsere tshwetso ya gore go buiwe le batho ba ba batlang go nna mekoko go sa ntse go na le nako, gore maikutlo a bone a kokobele go ise go iwe kwa ditlhophong.
Le fa go ntse jalo, o kopile maloko go seke ba reetsa dikgang tse eseng tsa nnete tse di buiwang ke ba kganetso. A re lefatshe leno ke lone fela le batho ba kgonang go bona bongaka jwa tlhwatlhwa e e kwa tlase.
O gateletse gape gore batho botlhe mo lefatsheng leno ba akola mananeo a BDP go sa kgathalesege gore ba mo diphathing dife. Ka jalo, Rre Reatile o kgothaditse maloko gore ba tlhagafalele go bereka thata go ya ditlhophong tsa monongwaga.
A re o dumela gore phathi ya BDP e tla fenya ditlhopho mo kgaolong ya Borakalalo ka e ya go emelwa ke batho ba ba nonofileng. E rile a tswa la gagwe mopalamente wa kgaolo, Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri, a rotloetsa maloko a kgaolo ya gagwe ya Molepolole Bokone go ya go tlhopha konopo e khibidu, a kaya fa e le yone konopo ya botshelo.
A re ba rekisa phathi e e iseng e fetole leina, le fa e le sekano. O boile gape a tlhagisa maloko gore ba seka ba tlhopha batho ba ba ditlhapa ka ba sa supe boikarabelo jwa go ka goga lefatshe.
A re bone mo Domkrag ga ba rotloetse botho jo bo makgwakgwa e bile ba ka seke ba ikoketse marago ka matlapa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego ya phatlhalatsa
Date : 01 Apr 2014






