Breaking News

Magosi a Moshupa a gata a gatoga

01 Apr 2014

Go ne go leba yo o sebete, fa dikgosi le bakwaledi ba bone ba kgaolo potlana ya Moshupa ba ne ba gata ele bommabontle le borrabontle kwa sekoleng se segolwane sa Diratsame kwa Moshupa bosheng.

Dikgaisano tseo, tse moono wa tsone e neng ele, ‘modiredi yo o senang kgotlhang ya motho le maikutlo o ntsha maduo a a eletsegang’, di ne di tshegeditswe ka maikaelelo a go kokoanyetsa madi komiti ya bone ya botsogo. 

Dikgosi go tswa kwa metseng e e farologaneng ba ne ba dira go swela, ba gata ba gatoga ba tshwaragane ka bontle le bakwaledi ba bone. Mo bobeding jo bo tsereng maemo a ntlha, ke Kgosi Kenneth Mookodi wa Moshupa, a ne a gata le Mme Bobedi Rapalai. 

Ba ne ba ntsha ga tshwene, Kgosi Mookodi a bina, a ya kwa godimo le kwa tlase ka mmino wa senjwalenjwale.

Maemo a bobedi a tserwe ke Kgosi Ngaparelang Dube le Malepa Orekeng go tswa Ntlhantlhe, le bone ba ne ba dira ga tshwene; Kgosi Dube a kokoroga jaaka lekolwane la bogologo le bona makgarebe; fa maemo a boraro a tserwe ke Kgosi Motsholetsi Ditemogo le kgarebe Ontiretsi Teisi go tswa Ranaka. 

Seemo se ne se kgatlhisa babogedi, ba bona jaaka beng ba bone, dikgosi, ba dira bontle jo bo kalo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : MOSHUPA

Event : Mmabontle

Date : 01 Apr 2014