Breaking News

Kgosi Segale o boela tirong

01 Apr 2014

Morago ga go nna dingwaga di ka nna pedi a ntse a seegetswe fa thoko mo tirong, Kgosi Segale Linchwe wa Bakgatla o laotswe go boela tirong go simolola Mosupologo. 

Se se tla morago ga gore tona wa dikgaolo le tlhabololo ya magae, Rre Peter Siele a laole gore Kgosi Segale a boele tirong. Kgosi o boela tirong jaana a filwe maemo a go nna moemela kgosi.

E rile mo potsolotsong, Kgosi Segale a lebogela gore a bo jaanong a boela tirong gore a kgone go thusa le go direla morafe wa gaabo.  A re, ke ka lebaka Bakgatla ba sokola go bona dithuso mme poelo ya gagwe mo tirong e tla a fokotsa letlhoko le le neng le le teng.

Kgosi Segale a re, go boitumelo mo go ene mme o lebogela puso go bo e mmuseditsa mo tirong. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : MOCHUDI

Event : Potsolotso

Date : 01 Apr 2014