Go ntshafadiwa ga McConnell go oketsa mathata
14 Feb 2013
Motshwarelela mogokgo wa sekole se segolwane sa McConnell College kwa Tutume, Rre Lemogang Setilo, a re ga a itumelele go ntshafadiwa ga sekole seo.
Rre Setilo o supile matshwenyego a gagwe mo phuthegong ya batsadi le bana ba ba yang go dira mophato wa bone kwa sekoleng seo ka Labobedi. A re seemo seo, ga se jese di welang ka se oketsa dikgwetlho tse ba ntseng ba na le tsone.
Rre Setilo a re dikhamphani tse di neng di thapilwe go ntshafatsa sekole seo, di tlogetse tiro e sa wela e bile ba sa itse gore di kwa kae.
O ne a tlhalosa fa matlo a borobalo a baithuti a wa e bile a se na mabati. A re ntlo ya boapelo le mangwe a borutelo, ga a a dirwa sentle.
O tsweletse ka go kopa batsadi, go tshwaraganela thuto ya bana le barutabana, a bo a kgala batsadi bangwe ba ba kopang bana mo sekoleng kgapetsa-kgapetsa, ka go dira jalo go diga maduo.
Rre Setilo o ile a kopa batsadi go kgalema bana go tlogela tiriso ya megala ya letheka mo sekoleng, a bolela fa dipatlisiso di supile fa baithuti ba tsaya nako e ntsi mo go yone go na le ya sekole. A re tiriso ya megala eo e ka rotloetsa mekgwa le ditiro tse di sa siamang mo baithuting.
Morutabana wa bokaedi, Mme Onalenna Edward, o ne a bolela fa boimana bo ile magoletsa mo sekoleng, mme a kopa batsadi go bua le bana ba basetsana go ikgapha.
Mongwe wa batsadi, Rre Imi Phili, o ne a ngongoregela go tlhoka go rerisiwa e le botsadi ka go ntshafadiwa ga sekole le ditlamorago tse di nnileng teng nako e sale teng. Rre Phili o ne a tswelela a bolela fa ba ka bo ba ne ba tshwaraganela tiro e, gore e tsamae sentle. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Buyendasi-Masuruke
Location : TUTUME
Event : Phuthego ya batsadi le barutabana
Date : 14 Feb 2013






