Setshaba se ngamela madi a mmele
24 Mar 2014
Makhanselara a Bokone Bophirima a gwetlhilwe go anamisa melaetsa e e itebegantsneg le go rotloetsa morafe ka kakaretso go aba madi a mmele.
Mooki, Mme Pinkie Ramosabego o ikuetse jalo fa a lekodisa khansele ka botlhokwa jwa go aba madi a mmele. A re ba lemoga fa morafe mo kgaolong ya Ngami o le maoto a tshupa go aba madi a mmele le ntswa puso e dirile maiteko go ba atumeletsa ditlamelo.
A re e sale ka ba bula lekalana kwa Maun, ga ba ise ba filthelele seelo se ba se ipeetseng ka jaana batho ba tla ka dipalo tse di boutsana go aba madi.
O ikuetse mo makhanselarang go ba tswa thuso a supa fa maiteko a ba botsogo a sa tswe tema le ntswa ba tsweletse ka go ruta setshaba ka botlhokwa jwa go aba madi.
Mme Ramosabego a re ba e peetse seele sa go kokoanya dipaente tsa madi di le lekgolo mme mme go sa ntse go pala ka ba bona dipalo tse di ko tlase.
O supile fa lekalana le butswe ngogola ka Lwetse mme a kaya fa ba ne ba amogela dipante di le masome a mane le boferabongwe , ka kgwedi ya Phalane tsa nna masome a mane le borataro, Nganatsele tsa gola ka ba boen di le amsome a supa le borataro mme Ka Sedimonthole tsa wela tlase sa nna masome a mararo le botlhano.
Ngwaga ono ka Hirikgong gone ba amogetse di herabongwe fela mme ka Tlhakole tsa nna masome a matlhano le botlhano.
Mme Ramosabego a re seo se ngomola pelo ka jaana batho ba sa tsiboge jaaka ba ne ba solofetse.
O tlhalositse fa go aba madi a mmelego tlhokega ka jaana bontsi jwa batho ba latlhegelwa ke madi a mantsi mo dikotsing tsa tsela fa bangwe e le ka ntlha ya pelegi.
A re go nna le dintso tse di kwa godimo ka ntlha ya tlahelo ya madi a tlatsa ka gore fa motho a dirwa learo o tlhoka go tshela dipante tsa madi diferabongwe.
Mme Ramosabego o boletse gape fa masea mangwe a tsholwa ka madi a a bokoa ka jalo go tlhokega gore madi ao a emisediwe ka a a phepha.
A re madi ke molemo ka jaana a boloko matshelo a batho ba le bantsi mme a kopa morafe go ititaya ka thupana go aba madi ka dipalo tse di kwa godimo.
A re motho yo o abang madi o tshwanetse abo a le dingwaga di lesome le borataro go ya kwa godimo, a se mo kalafing epe ka jaana ba batla madi a a babalesegileng.
O tsweletse are motho o tshwanetse a bo a le boketse jwa 50kg, fa e le mme o tshwanetse gore a bo a se mo malatsing. Mme Ramosabego a re borre ba ka aba madi gane mo ngwageng fa bomme bone ba ka aba ga raro fela.
Kwa bofelong o supile fa kabo madi e le boithaopo mme go se ope yo o pateletswang. Fa ba mokgwa dikgaba, bangwe ba makhaselara ba en ba supa fa batho ba ba golo ka bontsi ba tshabelelwa ke dilthabi ka jalo ba rotloetsa lekalana leo go inaakanya le bana ba dikole.
Ba re bana ba sa ntse ba itekanetse ka bontsi ka jaana bontsi bo se mo kalafing epe. Bangwe ba ne ba botsa ak ditlamorago tsa go aba madi ba kaya fa go na le tumelo ya gore motho o ka felela a tlhokafetse morago ga go aba madi.
Fa a tsibogela dikakgelo tseo, Mme Ramosabego o tlhalositse fa go na le puisanyo e e dirwang pele ga motho a ka aba madi mme moabi o tlamega go bua boammaruri fela .
A re bangwe ba fitlha nnete mme gantsi bao ba aba ba le ka fa tlase ga kgatelelo ya dinotagi mme morago motho a nne le sedidi.Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : Bokopano jwa khansele
Date : 24 Mar 2014






