Ba re matshego mangwe a boelele
27 Jan 2016
Banni ba Tutume ba re ba eletsa gore matshego mangwe a a neng a le mo Tebelopele ya 2016 a akarediwe mo go e ntsha ya 2036.
Ba buile jalo fa ba ne ba rolela lekoko le le romilweng ke tautona go tsaya megopolo mo setshabeng go baakanyetsa tebelopele ya 2036 kwa Tutume ka Mosupologo.
Re Imi Phili a re letshego la Tebelopele ya 2016 la setshaba se se rutegileng se se itseng le la setshaba se se siameng se se sa ileng ope a tshwanetswe go tsweledisiwa mme go baakangwe ditshetla dingwe gore a kgone go akaretsa setshaba se se siameng se se sa ileng ope.
Rre Phili a re gape go tshwanetse ga rotloediwa gore diteme dingwe di rutiwe mo dikoleng gore bana ba kgone go tlhaloganya dithuto botoka.
A re gape le kgang ya letlhoko la ditiro e nne nngwe ya dipilara tsa letshego leo la 2036 gore leka go tokafatsa seemo seo mo dingwageng tseo tse di masome mabedi.
Rre Siyani Sisila ene a re tebelopele ya setshaba ya 2016 ga e a atlega ka gore go nnile le boitseme mo bathong ba ba neng ba tshwanetse go diragatsa ditiro dingwe tsa tebelopele mme seo sa feleletsa se kokonela setshaba.
Rre Bigboy Chavaphi o ile a re ke nako gore batho ba fetole dikakanyo mo dilong tse di tshwenyang Batswana mme ba di lebe ka leitlho le le tseneletseng la gore e le Batswana ba eletsa ba ka tshela jang (change of mindset in issues of concern to people).
Modulasetilo wa lekoko leo,Rre Mpho Balopi a re lekoko leo le romilwe ke tautona go tsaya megopolo mo bathong wa go bopa tebelopele ya setshaba ya 2036.
Rre Balopi a re lekoko leo le tshwana fela le le neng le romilwe ka ngwaga wa 1990 go tsaya megopolo mo bathong go bopa tebelopele ya 2016. A re Batswana ba ne ba tswa ka dintlha tse supa kana matshego a supa a tebelopele eo e e welang monongwaga.
O ile a re maikaelelo magolo ke gore Batswana banne le seabe go abelana megopolo gore ba batla gore tebelopele 2036 e tsamaisiwe jang le go akaretsa ba na le seabe botlhe go se ope yo o salelang kwa ntle. Ends
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Tutume
Event : Bokopano
Date : 27 Jan 2016





