Ba Okavango ba lebogetse lenaneo
29 Oct 2025
Makhanselara a Okavango ba lebogetse tshimolodiso ya tiriso ya di drone go tlhofofatsa ditirelo tsa botsogo.
Ba buile seo morago ga gore mothusa mokwaledi wa Khansele ka fa go tsa botsogo (Primary Health Care) mo Okavango, Dr Bokwena Moali a ba rolele pego ka lenaneo leo mo bokopanong jwa Khansele ka Mosupologo.
Mokhanselara wa Sepopa/Ikoga, Rre Botshelo Mapa o ne a iteela puso legofi go bo jaanong e tsere kgato ya go simolodisa lenaneo leo.
Rre Mapa a re seo se tla a thusa go fetola tsa botsogo mo lefatsheng leno ka go ka fefosa go isiwa ga melemo le madi a mmele kwa mafelong a a kgakala mme go boloke matshelo a batho bogolo jang a bomme ba ba itsholofetseng, ka bangwe ba tlhokafala ka nako ya pelegi ka ntlha ya tiego ya go isiwa ga madi a mmele.
Mokhanselara wa Nxauxau/Chukumuchu, Rre Uakazemba Chiponda o ne a lebogela lenaneo leo a re leka thusa mo kgaolong ya Okavango ka e le tona e bile go na le tlhaelo ya dikoloi tsa botsogo.
Fa a begela makhanselara, Dr Moali o ne a tlhalosa fa lenaneo le tlaa simolodisiwa mo kgaolong ya Okavango mo kgweding ya Ngwanatsele e ya fifing. A re lenaneo le ne la lekeletswa kwa motseng wa Palapye mo di ngwageng tse nne tse di fetileng.
O tlhalositse fa puso e bonye thuso ya madi a go ka simolodisa lenaneo mo di ngwageng tse tlhano go simololwa mo Okavango go bo go latela dikgaolo tse dingwe.
Dr Moali a re go ribololwa ga lenaneo le, go ya go tshwarelwa kwa motsaneng wa Jao mo Okavango. Jao ke mongwe ya metse e e haphegileng mo kgaolong eo ka ole fa gare ga makgobokgobo e bile go tsamaiwa ka dikepe kgotsa difofane fela.
A re drones di ya go simolola ka go isa melemo le tse dingwe tsa botsogo kwa metseng e e kwa moseja ga noka ya Okavango ya Seronga, Beetsha, Gudigwa mme mafelo a mangwe jaaka Nxauxau, Qangwa le Xaixai a latele morago ga go ribololwa ga lenaneo.
O supile fa lenaneo le, le le botlhokwa mo kgaolong ya Okavango ka e na le makgobokgobo le ditsela tse di sa tsamaegeng sentle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : Gumare
Event : Kgotla Meeting
Date : 29 Oct 2025





