Mekgatlho ya bomme e ka tsisa diphetogo
30 Oct 2025
Mekgatlho ya bomme e na bokgoni jwa go tsisa diphetogo mo matshelong a batho ga mmogo le mo lefatsheng ka bophara.
Se, se builwe ke mogwebi yo ebileng ele ngwana wa Tonota, Rre Spencer Mogapi kwa bokopanong jwa go kokoanya madi jo bo neng bo rulagantswe ke mokgatlho wa Lentswe la Bomme kwa Tonota ka Labobedi.
Rre Mogapi o tlhalositse fa go le botlhokwa gore bomme ba tswelele ka go thusa le go ruta setshaba segolo bogolo mo nakong eno ya itsholelo ee ko tlase.
A re ka mangwe maitlamo a mokgatlho wa Lentswe la Bomme ele go thusa ba ba tlhokileng lesego, seo se botlhokwa fela thata ka jaana goromente ga a sa tlhole a kgona, mme thuso tsa bone di le maleba. Rre Mogapi a re bokamoso jwa lefatshe leno bo mo mekgatlhong e tshwana e.
“Le ya go tshwanelwa ke go ntsha mo dipateng tsa lona, le thusa malwapa a a tlhokileng lesego. Le tla a lemoga gore bontsi jwa malwapa a simolola go wela tlase ka itsholelo,” ga bua Rre Mogapi.
O ne a tlhalosa fa go setse go itshupile gore mokgatlho o, o setse o dirile gole gontsi ka jaana o na le dingwaga di feta lesome le botlhano o ntse o dira. Rre Mogapi one a ba rotloetsa go tshwara ka thata, go tsepama mo maikaelelong a bone gore mokgatlho o ntshe maduo.
O lebogetse bomme ba mokgatlho o, go bo ba dirile motlhala wa maano o e leng gore o tla ribololwa semmuso mo kgweding e tlang e tlhola boferabobedi.
Rre Mogapi a re motlhala o wa maano o kaya gore mokgatlho jaanong o tlaa bo o ipeetse seporo se se tlaa supang gore ba bata go fitlhelela eng mo nakong e kafe. A tlatsa ka gore se, se kaya kgatelopele e ba ka ipelang ka yone ka gore gase mokgatlho mongwe le mongwe o ka dirang jalo.
Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa mokgatlho wa Lentswe La Bomme, Mme Khabe Olaotse o ile a supa fa mokgatlho o, o simolotse ka ngwaga wa 2010, ka bomme fela ba le batlhano ka maikaelelo a go tsosa lentswe la bo mmakgosi le go ba ntsha ko mahure.
A re mokgatlho o ne wa tswelela ka go dira ditiro tsa bopelotlhomogi jaaka go thusa bana le bogole, ba boipelego le ba ba tlhokileng lesego mo botshelong go ba imolola.
Mokhanselara wa Tonota Central, Rre Peter Gaonabeng, o ne a iteela legofi mokgatlho oo, a ba rotloetsa go tsibogela le tse dingwe tse di tshwenyang jaaka tiriso e ko godimo ya ditagi ga mmogo le kgokgontsho ya bong.
A re ka jaana mme e le thari ya setshaba, fa baka emela diemo tse ka dinao go ka nna le pharologanyo, a tlatsa ka gore bomme ke bone ba ba gogang malwapa le go a aga, ke bone ba itseng malwapa ka go farologana ga diemo tsa one.
Rre Gaonabeng o ne a kgotlhatsa bomme ba mokgatlho go tswelela ba ruta basetsanyana ka tsa ngwao, boitshwaro, mokgwa le moaparo wa motho wa mme gore ba nne sekao mo setshabeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kelebogile Taolo
Location : Tonota
Event : Bokopano
Date : 30 Oct 2025





