Monana o dirisa maranyane go lwantsha kgokgontsho
29 Oct 2025
Kgokgontsho ya bong e e apesitseng lefatshe kobo ka letshoba e gwetlhile banana bangwe kwa Serowe go e lwantsha ka tiriso ya maranyane ka lenaneo le le bidiwang Motswako Madness.
Lenaneno le, le gogiwa kwa pele ke monana wa dingwaga tse di masome mabedi, yo o tlholegang kwa Mathangwane, mme a gwebela kwa Serowe, Rre Tawana Montshiwa.
A re banana ba amegile thata ke kgokgontsho ya bong.
Rre Montshiwa o boletse fa ba leka go lwantsha kgang ya dipolaano tsa baratani, kgokgontsho ya mo malwapeng le go dirisa botlhaswa bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase.
A re lenaneo la Motswako Madness le fa banana sebaka sa go buisana le balekane ba bone gore ba ka dira jang go fokotsa kgokgontsho e e tsweletseng ka go gapa matshelo a batho.
O supile fa dipalo di supa fa borre ba na le seabe se se setona mo kgokgontshong go na le bomme mme borre ba sa bege kgokgontsho fa e ba diragalela go bo go lebega okare ke bone badiramelato ba le nosi.
A re seo se supa fa bomme ba tlogetswe kwa morago mo go lwantsheng kgokgontsho ka gore bomme malatsi a, ga ba sa tlhole ba le mo maratong ba mo kgwebong, selo se se tsenyang borre tshakgalo ba bo ba tsaya gore bo jelwe mme ba felele ba bolaya ba ba tshelang nabo.
Rre Montshiwa a re Batswana bogolo jang banana ba tletse tshakgalo ka ntata ya letlhoko la ditiro jaanong ba tsaya ditshwetso tse di seng maleba.
A re ngwao le yone e na le seabe mo go rotloetseng kgokgontsho ka gore fa go laiwa bomme pele ba nyalwa, gatwe ba seka ba botsa borre gore ba tswa kae le fa a letse nageng.
Gape go ntsha magadi a re go dira gore borre ba tseye gore ba laola bomme mme ebile mo gongwe ga ba ba rerise.
Rre Montshiwa o rotloeditse banana go dirisa ditalente tsa bone go itshetsa go na le go baya sengwe le sengwe mo go borre.
O boletse fa bontsi ja malwapa bo eteletswe pele ke bomme morago ga gore borre ba ba phuaganye ka bana mme seo se dire gore bana ba gole go sena tlhogo ya lelwapa.
A re melao e tshwanetse ya fetolwa bogolo jang ya ngwao tsa setswana ka gore e mengwe e baya bomme ka fa mosing.
O rotloeditse thata gore mo dikomiting tsa borre jaaka Men Sector, ba seka ba tlogela bomme kwa morago, ba kopanele dikgang le bone, go bona kwa moding wa kgang o le teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Serowe
Event : Potsolotso
Date : 29 Oct 2025





