Breaking News

Baoki o somarela moribo wa katara ya setso

30 Oct 2025

Setswerere sa katara ya setso kwa Molepolole Rre Bantebanye Baoki o ikemiseditse go itsetsepela mo mererong ya bodiragatsi go tlhomamisa gore moribo wa katara ya setso ga o nyelele.

Rre Baoki yo a itsegeng ka leina la Buju Bantii mo go tsa bodiragatsi, a re moribo wa katara ya setso o farologanye thata le wa diletso tse dingwe, ka jalo go le botlhokwa go re o somarelwe go o itsa go nyelela.

A re le fa dingwaga di setse di ile o tlaa itshoka fela go fitlhela a kgotsofalela kanamo ya kitso le tiriso ya katara ya setso mo setshabeng sa lefatshe leno, segolo jang mo dikokomaneng tse di tswang kwa tlase.

Buju Bantii, yo o dingwaga di 57 a re go botlhokwa go sireletsa meopelo ya setso ga mmogo le didirisiwa tsa setso tsa bodiragatsi go tlhomamisa gore bodiragatsi jwa lefatshe leno bo nna le motlhala o o papametseng.

Fa a bua ka loeto la gagwe mo go tsa bodiragatsi, Buju Bantii a re o sale a ithuta go letsa katara ya setso a sale mmotlana, e le kitso e a neng a e anywa mo go ba lapa la gagabo ka rraagwe Rre Ntana Basiamang le batsalwa-le-ene ba ne ba le mo mererong ya bodiragatsi.

Buju Bantii, yo e leng sealogane sa sekolo sa temo-thuo sa Botswana University of Agriculture and Natural Resources (BUAN), a re o kile a nna leloko la setlhopha sa kwa Molepolole se se ne neng se itsege ka leina la Sloi Band, kwa a neng a kopana le badiragatsi ba akaretsa Pheko ‘Zangwana’ Mabolai, Mogorosi ‘Makholoskop’ Bashoma le Gosiame ‘Kolobe’ Setlhodi.

Fa a santse a le kwa Sloi Band, Buju Bantii a re o ne a golola ditlhamo di le nne ebong Ba ka dira, Thulathula, Sa Mosimanyana, le Ntuela. A re le ntswa Sloi Band e ne ya phutlhama o ne a se ka a nyema moko mme o ne a tswelela a sala toro ya gagwe morago go fitlhela a golola tlhamo ya Obama.

Fa a tlhalosa ka Obama, a re tlhamo e, e a sa tswang go e golola, ebile e le setlhogo sa kgatiso e rotloetsa batho go ikanya Modimo go ba tshegetsa mo ditlalelong tsa botshelo. A re ka pina ya Dirang dijo o gwetlha batho go boela kwa botshelong jwa Setswana jwa go itirela dijo segolo jang mo dinakong tseno tse itsholela e gogobang mo seretseng.

Buju Bantii o ne a wetsa ka go ikuela mo pusong gore fa e ntse e thusa badiragatsi e tle kwa go bone go utlwa sentle gore ba tlhokana le dithuso tsa mofuta mang, a re go dira jalo go ka thusa gore maiteko a puso a sologele badiragatsi mosola. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keetile Bontsibokae

Location : Molepolole

Event : Puisanyo

Date : 30 Oct 2025