Hatlhogang Trust e bulwa semmuso
30 Oct 2025
Morafe wa Mmathethe o tla a keteke pulo-semmuso ya lefelo la bone la Hatlhogang Community Trust ka Labotlhano.
Mo puisanyong le BOPA, modulasetilo wa mokgatlo wa Hatlhogang, Rre Baruakgomo Mabe o tlhalositse fa dipaakanyo tsa tiro eo di tsamaya ka thelelo. Tiro e, e tlaa bulwa semmuso ke Mopalamente wa kgaolo yo gape e leng motshwarelela tona wa Lefatshe le Temo Thuo, Dr Edwin Dikoloti.
Rre Mabe o supile fa morafe o tlaa nna le sebaka sa go bona diphologolo tsa naga tsedi mo lefelong leo la botona jwa diekere dile masome a robabobedi le metso e supa. Rre Mabe a re kwa lefelong leo gona le diphologolo di tshwana le diphala, dikukama, diphofu le tse dingwe..
A re o dumela fa lefelo leo le tlaa kgona go tlhamela banana mebereko mo motseng ka jaana le tlile go tlhoka batlhokomedi. O supile fa gape e se lefelo la go bona makgabisa naga fela, ka jaana mo ntlheng e nngwe go segilwe lefelo la metshameko gape go ka tshwarelwa ditiro di tshwana le manyalo teng.
A re tumelo ke gore lefelo leo le fokotse bo-tlhoka tsebe mo motseng ka jaana banana ba tlaa nna le kwa ba tlaa itlosang bodutu teng. Rre Mabe o supile fa diphologolo tseo di sale ditla ka kgwedi ya phukwi e rogwa, gotswa kwa lephateng la diphologolo, a tlatsa ka gore dikukama le diphofu di setse di simolotse go ata. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : Mmathethe
Event : Puisanyo
Date : 30 Oct 2025




