Breaking News

Morutabana o fitlhetswe ka dikgobalo tse di masisi

29 Oct 2025

Monna wa dingwaga tse di masome a mane le bone (34) o mo diatleng tsa mapodisi morago ga gore mapodisi ba fitlhele mosadi mongwe a le mo bodibeng jwa madi go lebega a tlhabilwe ka sengwe kwa sekoleng se se golwane sa Tsabong Unified Secondary School (TUSS).

Mookamela mapodisi a Tsabong Superintendent Monnathebe Mphela tlhaloseditse  ba BOPA go re mapodisi ba ne ba kuelwa mokgosi ke morutabana mongwe go tswa mo sekoleng seo a kopa thuso ya potlako ka letsatsi la Tshipi ka nako ya bobedi makuku.

Supt Mphela o ne a tswelela ka go tlhalosa fa mapodisi ba ne ba ragogela kwa tiragalong kwa ba fetileng ba itemogela fa go na le mongwe yo o neng a kua a le mo ntlong a kopa thuso ka kamore e a neng a le mo go yone e ne e lotletswe.

O boletse fa mapodisi ka lesego ba ne ba kgona go tsena mo ntlong eo mme ba fitlhela mme mongwe a rapaletse mo bodibeng jwa madi go lebega a tlhabilwe ka sengwe se se bogale mo mpeng.

A re mapodisi ba ne ba mo ragosetsa kwa kokelong ya Tsabong ka dintho tse di masisi kwa ba bongaka ba fetileng ba mo thusa mme seemo sa bifela pele mo ba feletseng ba mo romela kwa sepateleng sa Princess Marina kwa Gaborone.

Mookamela mapodisi a Tsabong o ne a supa fa mo nakong ya gompieno a sidilega mme ditlhotlhomiso di sa ntse di tsweletse. Supt Mphela o ne a tlhalosa fa morago ga tiragalo eo, monna yo a ne a tsaya koloi ya motswasetlhabelo, a e ja ka molelo mo sekgweng mme morago a inaya naga.

O boletse fa ka lesego mapodisi ba ne ba kgona go mo tshwara mme mo nakong ya gompieno ba santse ba mo tshegeditse go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le tiragalo. A re o setse a itshupile fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata mo Tsabong ka Mosupologo. 

O tlaa itshupa gape kgwedi e e tlang ya Ngwanatsele e le lesome le bongwe.

Supt Mphela o ne a supa fa bobedi joo go belaesega ba tswa kgakala e le baratani mme wa mosadi a bereka e le morutabana mo sekoleng sa TUSS, fa mmelaelwa ene a tlholega kwa Sefare mo kgaolong ya Tswapong.

Mookamela mapodisi o ne a gakolola baratani bogolo jang ba banana gore fa ba na le dikgotlhang ba buisane go tswa ka ditharabololo mme fa go padile ba kgaogane ka kagiso go na le go tsaya ditshwetso tse di seng maleba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Potsolotso

Date : 29 Oct 2025