Kgosi Khama O Tlaa Bolotsa Mephato
16 Mar 2026
Kgosi Khama IV wa Bangwato a re o ikaelela go tsosolosa ngwao ya Sengwato ka go bolotsa mephato ngwaga le ngwaga ka go ntse go sa diragale ka mabaka mangwe.
Kgosi Khama o buile se kwa Serowe ka Labone. A re e tlaa re kgwedi ya Moranang e rogwa, a bolotse mephato e le mene. Kgosi a re Mephato ya maloba e ne e thusa go sireletsa melao ya setswana le ngwao gore di seka tsa nyelela, e kgalema lenyatso mo motseng le go bopaganya merafe.
A re gape bogologolo, mephato e ne o dira ditiro tsa morafe tse di molemo jaaka go epa matamo a go noswang leruo mo go one le ditlhabololo mo motseng ka mowa wa boithaopo.
“Mephato e ne e netefatsa gore go nna le kagiso le kobamelo molao mo motseng,” ga tlhalosa Kgosi Khama.
A re go lebega fa ngwao ya Setswana e nyelela ka monokela mme seo se tlhoka gore Batswana ba eme ka dinao gore dikokomane tsa bone di fitlhele ngwao e le teng e seng go ithuta dingwao tsa mafatshe a sele. O gateletse gore Setswana se se reng, ‘Tlhako ya morago e gata fa ya pele a gatileng teng; se tshwanetswe sa agelwa mosako ka go ruta bana ngwao ya bone.
Rre Martin Seretse, yo e leng rangwaneagwe Kgosi Khama, yo gape a tlaa bong a eteletse pele mephato e bololang, o tlhalositse fa makawana le makgarebe ba ba tla yang mophatong, ba tshwannwa ke go ikwadisiwa kwa dikgotleng tsa metse ya kgaolo ya ga Ga-Mmangwato ka kakaretso. A re go solofetswe makawana le makgarebe a belegweng magareng ga dingwaga tsa 1990 le 2010 ba tsee karolo mo mephatong e tla bolodiwang.
Rre Seretse o tlhalositse gore botlhe ba ba ikwadisitseng go ya mophatong ba solofetswe kwa Serowe ka kgwedi ya Moranang e rogwa, mme letsatsi le le latelang ba bo ba amogelwa mo kgotleng e tona ya Ga-Mmangwato mo Serowe. Ka jalo, o kopile Ba-Ga-Mmangwato go thusa ka mehago ya mephato le go thusa gape le ka dipalamo.
Mephato e tlabo e rutwa melao ya Setswana, boitshwaro le go tlisa ledula mo morafeng. A re ka letsatsi la kalogo ya mephato, ba tlaa neelwa ditiro tse ba tla di dirang mo motseng, pele ba hiwa maina.
Morago ga kaloso ya mephato, go tla nna le letsatsi la ngwao ya Ga-Mmangwato, tiro e tla bong e eteletswe pele ke Rre Scobie Lekhutile, mokaedi wa pele wa motlobo wa polokelo wa ditso wa Khama III Memorial Museum. Ditiragalo tsa letsatsi la ngwao di tla akaretsa poko ya setso ka diteme tse di farologanyeng tse di fitlhelwang mo Ga-Mmangwato le megolokwane. BOPA
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Serowe
Event : Phuthego
Date : 16 Mar 2026







