Poifo Modimo e thusa go hema masula
16 Mar 2026
Masula a a diragalang mo lefatsheng a ka hemiwa ka go boifa Modimo.
Se se builwe ke moruti wa kereke ya King David’s Prayer Mountain kwa Otse, Rev. Dr Kgosietsile Maripe kwa thuto-seka-dipuisano le go rapelela masula kwa Mahalapye bosheng. Rev. Dr Maripe a re tlhoko poifo Modimo e ka phutlhamisa itsholelo ya lefatshe. Ka jalo, a re kereke ke yone konokono mo go ageng lefatshe ka go rerela batho lefoko la Modimo le go rapela.
Moruti wa kereke ya King David’s Prayer Mountain kwa Mahalapye, Rre Modisa Dikupa o tlhalositse fa maikaelelo a letsatsi leo e le go kopanya dikereke go rapelela kgokgontsho e e amang bomme le bana, tiriso ya ditagi le dipolaano tsa marato. Moruti Dikupa a re ba tshwentswe ke masula a a diragalang kwa Mahalapye a dikgang tsa kgokgontsho le tiriso phetelela ya ditagi e e amileng banana e bile e ba senyetsa matshelo.
Modulasetilo wa lekgotla la baruti wa kgaolo ya Mahalapye, Moruti Bashi Matlhare o lebogetse bokopano a tlhalosa fa thapelo e na le maatla a go fetola diemo tshotlhe. Moruti Matlhare, yo o neng a tlhalosa fa e le nako ya go leba kwa Modimong ka thapelo, o kopile dikereke go tshwaraganela thapelo.
Apostle Moses Keitumetse wa kereke ya God Century Ministries, o kaile fa ba lemogile gore mathata a mantsi kwa dikoleng. A re seemo se, se batla dikereke di tsena ntlo le ntlwana, ba rera lefoko la Modimo gammogo le go fa dikgakololo mo diemong tsa malwapa.
Mogolwane wa ofisi ya mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye East, Rre Kefilwe Motona o gwetlhile dikereke go tswelela le merapelo ka kgaolo ya Mahalapye e tshabelelwa ke masula. Rre Motona o kopile batsadi go gogela bana kwa kerekeng a tlhalosa gore ngwana yo golelang mo Modimong o gola botoka thata. BOPA
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Mahalapye
Event : Moletlo
Date : 16 Mar 2026




