Breaking News

Go Rekisa Leruo Morago Ga Mokento Go Borai

16 Mar 2026

Barui ba gakolotswe gore ba seka ba rekisa leruo morago ga go le kenta.

Modiri kwa lephateng la matlhoko a leruo kwa kgaolong ya Palapye, Dr Amos Setlhako a re barui bangwe ba kenta dikgomo, dikoko, mebutla, dikolobe kgotsa dipodi, mme ba di rekise malatsinyana morago mokento o ise o fele mo go tsone. A re go dira jalo go ka nna borai mo setshabeng.

Dr Setlhako o tlhalositse se kwa Palapye kwa bokopanong jwa go ruta barui ka tlhokomelo ya leruo jo boneng bo rulagantswe ke ba Perfect Feeds, ba ba itebagantseng le go rekisa dijo tsa leruo, melemo ya leruo le didirisiwa tsa temo-thuo.

A re go botlhokwa gore morui a kente a bo a baya leruo sebaka se se tshwanetseng, a ise a le rekise gore molemo o fele mo go lone. O supile fa lephata la matlhoko a leruo le tshwentswe ke gore barui ba dirisa melemo ka bokete jo bo feteletseng mo leruong ka kakaretso, a supa fa ba kgalemile ka lebaka mme barui ba tsweletse fela.

Dr Setlhako o supile fa bangwe ba a bo ba lebile gore nako ya gore ba ntshe leruo la bone go le rekisa e gorogile le fa ba itse fela gore ke gone ba le kentang, segolo ba ba  gwebang ka dikoko. A re bangwe ba dira jalo ba sa lebelela gore melemo e ba kentileng ka yone e tsile go tsena mo mebeleng ya ba ba tlaa jang nama ya seruwa seo.

Dr Setlhako a re dikoko le dikgomo di jewa ka bokete jo bo kwa godimo, mme go nna le bothata fa batho ba lwala ka mebele ya bone e felela e gana melemo e mengwe. A re fa motho a setse a le kwa kokelong a lwala, fela ka gore o ne a jele kgomo kana koko e e neng e na le molemo o o neng o sa fela mo go yone, melemo mengwe e kgona go retelelwa ke go mo thusa. 

Dr Setlhako a re bangwe barui ba reka motshotelo wa dikoko go o jesa dikgomo ka tumelo ya gore re o oketsa mebele ya dikgomo. A re go dira jalo ga go a siama ka nama ya teng e sa letlelesege kwa Botswana Meat Commission bogolo jang kwa mmarakeng wa mafatshele a sele. O kopile barui go netefatsa gore ba thibela malwetsi a leruo go na le go a alafa ka go le turu.

Mookamedi wa Perfect Feeds, Rre Moagisi Jack, o supile fa ba bone go le mosola go bitsa barui, go ba rotloetsa ka mo nakong eno temo-thuo ke yone botshabelo mo dinakong tsa go sena ditiro le lefatshe le sena madi.

A re o lemogile fa temo-thuo mo lafatsheng leno e e ise e goroge mo seemong se se itumedisang, se se tshwanang le kwa mafatsheng a mangwe mme go le botlhokwa go tsibosa Batswana ka se le go ba ruta gore fa ba rua ba ka dira dipoelo.

A re nako ya go rekisa tsa temo thuo kwa mafatsheng a mangwe e gorogile mme seo se ka rotloediwa ke go dira ka ditlhopha. Rre Jack a re go na le dikgwebo tse barui ba ka di lekang jaaka thuo ya dikolobe le ya mebutla, tse di ka ba busetsa ka di ise di ntsifale. BOPA

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Palapye

Event : Bokopano

Date : 16 Mar 2026