Breaking News

Khama o amogela thobo

14 Mar 2026

Jaaka ene ele ngwao ya Batswana go isa ditswa-temong fa pele ga Kgosi ya bone gore a lome pele, morafe wa Bangwato le one o ne wa  gata mo dikgatong tsa batho ba maloba go isa thobo ya bone kwa go Kgosi Khama IV.

E rile ka Labone mabutswapele a Ga-Mmangwato a tla a rwele thobo ya bone go isa fa pele ga Kgosi ya bone gore a lome pele, ele jaaka a tla bo a bulela letlhafula le go lebogela morafe wa gagwe go dira dijo tse di tla ba tshegetsang go fitlhelela paka e latelang ya letlhafula.

Kgosi Khama o lebogetse morafe go bo ba bone go le maleba go isa ditswa-temong kwa kgosing gore a lome pele.

A re se ke nngwe methale ya go tshegetsa ngwao.

O rotloeditse morafe go lema dijo kwa masimong gore ba seka ba baa fela mo pusong e gompienong e nang le seemo sa letlhoko la madi.

Mo go tse dingwe, Kgosi Khama o boleletse morafe gore o tla tsosolosa mephato, a re ka kgwedi ya Moranang e rogwa, o tla bitsa le go alosa mephato e le mene.

A re maikaelelo a gagwe ke go nna a bitsa mephato ngwaga le ngwaga.

Kgosi Khama a re go lebega fa ngwao ya Setswana e nyelela, mme go tlhokafala gore Batswana ba eme ka dinao go e tsosolosa gore dikokomane di tle di ithute ngwao ya bone go nale go ithuta dingwao tsa mafatshe a sele.

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 14 Mar 2026