Mogokgo o tshwenngwa ke tshenyo ya didirisiwa mo sekoleng
11 Mar 2026
Mogokgo wa sekole se segolwane sa Lotsane kwa Palapye, Rre Watson Basoli a re o tshwenngwa ke tshenyo ya didirisiwa tsa sekole e e dirwang ke baithuti.
O ne a ntsha matshwenyego a ka Mosupologo mo bokopanong jwa komiti ya batsadi le barutabana jo maikaelelo a jone e neng e le go tsibosa batsadi ba baithuti ba ba simololang lekwalo la bone ka tsamaiso ya sekole.
Rre Basoli a re e ne ya re mo ngwageng o o fetileng, sekole sa Lotsane sa amogela ditilo tsa baithuti di le makgolo a mane, mme yare mo nakong e khutshwane sephatlo sa ditilo tseo sa bo se setse se sentswe ke baithuti ka go sa di diriseng sentle.
Ka jalo, Rre Basoli a re se se a tshwenya ka sekole se dira ka bojotlhe go tsibosa baithuti le go ba ruta gore ba tshware didirisiwa tsa sekole jang mme go supagala fa seemo seo se sa fetoge ka baithuti bangwe ba tsweletse ka tshenyo e.
Ka jalo o kopile batsadi go thusanya le sekole go kgalema bana go tswa kwa malwapeng.Rre Basoli o tsweletse a supa fa go na le baithuti bangwe ba ba utswelang ba bangwe mo sekoleng mme bangwe ba utswa dibeke tse ba tsenyang dibuka mo teng ga mmogo le tsone dibuka.
Mogoko a re e le sekole, ba itemogetse fa go na le dintwa tsa ditlhopha tsa baithuti, mme go supagala di simologile kwa dikoleng tse ba neng ba dira lokwalo la borato teng. A re sekole se tla a dira ka bojotlhe go sireletsa baithuti ba bangwe mo go ba ba dirang jalo ka go ba tseela dikgato tse di maleba.
O kopile batsadi go ela tlhoko mo bana ba tsenyang dibuka teng fa ba tsena kwa malwapeng ka go nna ba leba gore ba tsentse eng mo go tsone ka bangwe ba tsenya dingwe tse di borai. O tsweletse a supa fa moithuti a sa tshwanela go tla ka dilo tse di bogale mo sekoleng di tshwana le dithipa, mme fa a ka fitlhelwa ka tsone, o tla a tseelwa dikgato mme a felele a seegetswe fa thoko ka wa bo a le borai.
A re ga go na fa baithuti ba dirisang thipa teng mo dithutong tsa bone e bile ga go na lebaka la gore moithuti a tsamae ka yone. O kopile batsadi go tsenya bana ba bone mo tseleng, a re go dira jalo, go ka nolofatsa tiro ya barutabana.
A re batsadi ga ba a tshwanela go palelwa ke bana kana go laolwa ke bana. O lemotshitse batsadi gore go dira sentle ga moithuti go tsamaelana thata le boitshwaro jwa gagwe, a supa fa boitsholo jo bo siameng jwa ngwana bo mo fa sebaka sa go reetsa.
Rre Basoli a re ntswa sekole sa Lotsane se ageletswe ka terata, ba itemogetse gore go nale bangwe batho ba ba phunyang terata eo, gore ba ralale sekole. A re fa dikole ditswalwa ngwaga e e fetileng, ba ne ba dira maiteko a go tswala diphatlha tseo, mme ya re mo letsatsing le le latelang ba fitlhela terata eo e phuntswe gape.
A re se se supa fa batsadi bangwe mo motseng e le bone ba butseng diphatlha tseo maikaelelo e le go ralala sekole ka di ne di thibilwe baithuti ba seyo. Rre Basoli a re mokgwa o ga o a siama ka sekole se leka go laola metsamao ya baithuti mme bangwe mo motseng ba kgoreletsa maiteko a, a ba a kopa gore ba ba dirang jalo ba emise ka ponyo ya leitlho.
O ile a supa gore fa moithuti mongwe a ka dirisa diphatlha tseo go tsena mo sekoleng, motsadi o tla a bitswa mme e nne ene a tla a ntshang madi a go baakanya terata ka moithuti yoo e tlaabo e le ene a tshwerwe a tsena ka yone.
A re go na le dikgoro mo sekoleng mme go rotloediwa baithuti go di dirisa. Mo go tse dingwe Rre Basoli o ne a re sekole se itlamile gore se tla a tswelela se ntsha maduo a a kwa godimo ka boineelo, mme ntleng ya tshwaragano ya bone le batsadi, sekole se ka seka sa kgona. BOPA
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Palapye
Event : Bokopano
Date : 11 Mar 2026





