Dipolao di ile magoletsa kwa Mahalapye
11 Mar 2026
Kgaolo ya Mahalapye East e setse e gatisitse dikgetse tsa dipolao di feta lesome le botlhano.
Dipalo ka bontsi ke dipolao tsa bomme. Se se builwe ke mopalamente wa Mahalapye East, Rre Augustine Nyatanga kwa pitsong ya borre le bana ba basimane kwa Taupye ka Labobedi.
A re bontsi jwa dipolao tse di bakiwa ke kgokgontsho le tiriso phetelela ya dinotagi. Ka jalo, o kopile borre go bua kana go kopa thuso fa ba imetswe ke mathata.
Rre Nyatanga a re bontsi jwa nako, borre ba tsaya tshwetso ya go didimala ba ikhupetsa ka kutlobotlhoko fa ba na le mathata a malwapa kana ba tlhokile kutlwisisanyo le bakapelo ba bone. A re nngwe ya dikgang tse di tshwenyang ke ya batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana .
A re fa mongwe wa bone a tlhokafala, batsadi gangwe le gape, ba itatola yoo setseng, mme ba mo amoge dithoto tse ba di kgobokantseng mmogo. A re go dira jalo, go baka kwelotlase ya maikutlo. O kgothaditse borre go nyala bakapelo ba bone.
A re go na le lenaneo la Re-A-nyalana le le thusang thata batho ba ba ntseng mmogo lobaka go nyalana. Rre Nyatanga a re keletso ya gagwe ke go bona batho ba tshela sentle ba tsaya botsogo jwa bone tsia ka go itlhatlhobela malwetsi ka nako.
Mogakolodi wa tsa botsogo wa BOFABONETHA, Reverend Mpho Moruakgomo o rotloeditse borre go itlhatlhobela malwetse ga mmogo le go tsaya kalafi sentle. Rev. Moruakgomo a re dipatisiso di supa fa borre ba le bonya mo go tsayeng dikgato ka botsogo jwa bone mo ba felelang ba tla ba ikgoga go setse go le thata.
O kaile fa malwetse a sa tsibogelweng ka nako, a ama botsogo jwa lelwapa mo go tsa tlhakanelo dikobo. O gateletse botlhokwa jwa puisano mo lelwapeng, a re e hema dilo tse di ka bakang kgokgontsho e ka felelang ka dipolao.
A re gape batsadi ga ba na botsalano le bana ba bone segolo jang borre, ntswa ba tshwanetse go ba ruta maele a botshelo le go ba lemotsha molemo le bosula.
O kopile batsadi go rotloetsa bana ba basimane go nyala ka bonako le go tswa mo malwapeng a batsadi a tlhalosa gore banana ba tshwanetse ba fiwa ditsha ba le dingwaga tse di lesome le boferabongwe, selo se se ka fokotsang dikgotlhang tsa mo malwapeng. BOPA
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Mahalapye
Event : Pitso
Date : 11 Mar 2026






