Breaking News

Moruti o rotloetsa bomme go ineela mo Modimong

10 Mar 2026

Bomme ba thapelo ba lekgotla la Batswana Christians Women Fellowship (BCWF) ba rotloeditswe go ineela mo Modimong ka tlhomamo le boammaruri. 

Ba rotloeditswe jalo ke Bishop Dr Lebo Rathedi wa kereke ya Redeemers Voice Ministries kwa bokopanong jwa thapelo ya bomme ba BCWF mo Mahalapye bosheng. 

Dr Rathedi o kgothaditse bomme go ineela mo thapelong, a tlhalosa fa e na le maatla a go aga mowa, go alafa mewa ee tshwenyegileng le go rola merwalo. A re ntswa batho ba le bantsi ba rapela, ba rwele mewa e e ba imelang, gape ba kotlometse mewa. 

A re le fa bomme ba rwele dikgwetlho tsa botshelo le tsa malwapa a bone, ebile ba imelwa, ba dire jalo ka tidimalo ka jaana e le bone thari ya setshaba. 

Dr Rathedi o gakolotse bomme go ikanya thapelo a supa fa thapelo e le neo e Modimo a e nneetseng batho. O tlhalositse fa thapelo e se go bua fela, a re e golaganya motho le Modimo. 

A re setlhogo sa letsatsi se se reng: Tlang Lona Ba Le Imelwang Ke Tla Lefa Tapologo, se lebaganye thata le seemo se bomme ba tshelelang mo go sone ka jalo se supa fa go ikanya Modimo e le karabo ya matshwenyego a bone. 

Dr Rathedi a re batho ba ikanya dilo tsa lefatshe gona le Modimo a tlhalosa gore go botlhokwa gore batho ba nne le kamano le Modimo, ba mo ikanye. 

Dr Rathedi a re o tshwenngwa ke gore ga gona lorato la Modimo mo dikerekeng, a tlhalosa gore go tlhoka gore motho a nne le pelo e e phepa eseng fela go apara seaparo o bo a ya kerekeng. Dr Rathedi a re go botlhokwa gore bokopano jwa bone bo jwale dilo tse di molemo. 

Modulasetilo wa lekgotla la BCWF, Mme Monica Modise a re maikaelelo a bokopano jwa bone ke go rapelela masula aa diragalang mo lefatsheng. 

Mme Modise a re ba kopana ngwaga le ngwaga ka beke ya ntlha ya kgwedi ya Mopitlo. A re thapelo e e gwetlhilwe ke go bona masula aa diragalang lefatshe ka bophara. 

O kopile bomme ba mokgatlho wa BCWF go tshwaragana ba nna seopo sengwe gore ba godise mokgatlho. Mme Modise a re ba eletsa go bona mokgatlho o anama le dikgaolo tsotlhe tsa lefatshe leno. 

A re dikereke tsotlhe di golosegile go ka nna maloko a BCWF, ka jalo a kopa bomme go ngokela banana ka bontsi mo mokgatlhong gore o kgone go gola. BOPA

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Mahalapye

Event : Bokopano

Date : 10 Mar 2026