Ba Mogobewakgomo ba tlhopha Sebetlela kgosi
10 Mar 2026
Banni ba Mogobewakgomo mo kgaolong ya Goodhope/ Mmathethe ba tlhophile Rre John Sebetlela go nna kgosi.
Rre Sebetlela o tlhophilwe ke batho ba le 156, fa yoo mo salang morago, Rre Mokganedi Maseng, a tlhophilwe ke ba le 117, Rre Keorapetse Kedikilwe ene a bone batlhophi ba le 33 fa Rre Tumelo Bosilong a tlhophilwe ke ba le barataro.
Motse oo, o nale lebaka o sena kgosi morago ga loso la ga Kgosi Kopano Maseng ka 2022. Morago ga tlhopho eo ka Matlhatso, Rre Sebetlela yo o supileng fa amogela maduo, o tlhalositse fa a tla tlhoka thotloetso ya botlhe gore a kgone go tsamaisa motse sentle.
A re botlhe ba baneng ba emetse dilhopho le banni ka kakaretso ba botlhokwa, mme a re o kopa gore go nne le mow awa poelano gore ba kgone go tlhabolola motse wa bone.
Rre Bosilong, yo e leng mongwe wa ba ba latlhegetsweng, o supile fa tomgano e le botlhokwa ka e ka thusa go isa motse kwa pele.
Motsamaisi wa ditlhopho, Kgosi Aobakwe Phetlhu wa Hebron, o supile fa itumeletse tirisanyo mmogo ya morafe wa Mogobewakgomo. A re ditlhopho tseo di tsamaile sentle go sena makgwere ape e bile morafe o ne o itshwere ka setho se se eletsegang.
“Re ne re ba letleletse gore ba ipeele ditsamaiso tsa go tlhopha mme ba dumalana gore e nne tlhopho ya sephiri”, ga tlhalosa Kgosi Phetlhu.
O supile fa bontlhopheng ba ne ba na le balebeledi ba bone go tlhomamisa gore go tlhopha batho ba ba maleba. BOPA
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : Mogobewakgomo
Event : Tlhopho
Date : 10 Mar 2026





