Dikole di mo seemong se sa itumediseng
09 Mar 2026
Dingwe dikole kwa kgaolong ya bokone bophirima di mo seemong se se sa itumediseng jaaka matlwana a boitiketso a a leswe le matlwana a borutelo a a senyegileng.
Modulasetilo wa Khansele ya Bokone Bophirima, Rre Itumeleng Kelebetseng, o supile se mo phuthegong ya kgotla kwa Maun. O tlhalositse fa matlo mangwe a borutelo kwa sekoleng se se botlana sa Botswelelo a le mo seemong se se sa itumediseng a bolela gore fa dithuto di ntse di tsweletse, matlakala a wa mo marulelong.
Kwa sekoleng sa Tshwaragano gone, a re bana ba tlhatlaganela ditilo ka di tlhaela. Go boletswe gape fa matlwana a boitiketso a dikole tse di botlana a sa phepafadiwe, mme se, se baa bana mo kotsing ya malwetsi. Rre Kelebetseng o kopile batsadi go tsaya karolo mo thutong ya bana ba bone.
"Bangwe batsadi ba setse ba ithaopile go phepafaletsa bana matlwana a boitiketso e le maiteko a go tshwaraganela boikarabelo jwa thuto ya bana le puso. Mo ke gone go tlaa re thusang go tswelela pele," Rre Kelebetseng a tlhalosa.
O supile fa tiriso ya ditagi mo bananeng ba bannye e oketsega, segolo jang tiriso ya CAT. A re se, se baka gore bana bangwe ba tlogele sekole, ba inaakanye le go utswa le mekgwa e e sa siamang. Rre Kelebetseng a re go na le bana ba ka feta masome a mararo ba ba lofelang sekole, mme ba bonwe ba saila kwa mmolong le go utswa mo mabentleleng.
"Fa re kopana le batsadi ba bana ba, re lemoga fa ba sena boikarabelo mo tlhokomelong ya bana ba bone mme re tsere tshwetso ya go sekisa batsadi ba go nna jalo," Rre Kelebetseng a tlhalosa.
Banni ba rotloeditswe go tsaya karolo mo go rarabololeng mathata a, go akarediwa le gore dikomiti tsa batsadi le barutabana (PTA) di ka dira dithulaganyo tsa go batla mongwe yo o ka phepafatsang matlwana a dikolo a boitiketso, mme batsadi ba kgobokanye madi a go mo duela.
Mongwe wa banni, Mme Otshidile Masoko, o kopile dikhansele go sekaseka go abiwa ga ditetla tsa thekiso ya bojalwa mo mafelong a a gaufi le dikolo, a supa fa seno se na le seabe mo tirisong ya bojalwa le ditagi mo banneng.
Rre Kelebetseng o gateletse gore tharabololo ya mathata a, e simolola kwa malwapeng, a re batsadi ba tshwanetse go tlhokomela bana ba bone le go ba ruta tshiamo le tshiamololo, setshaba se tshwaragane le dikole le mapodisi, go netefatsa gore bana ba ithuta mo tikologong e e babalesegileng. BOPA
Source : BOPA
Author : Gaolethoo Kgatitswe
Location : Maun
Event : Bokopano
Date : 09 Mar 2026





