Breaking News

Banni ba re molao o fetolwe

05 Mar 2026

Banni ba Tsabong mo Kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba re molao wa bong le tlhabololo(National Policy on Gender and Development) oo simolodisitsweng ka ngwaga wa 2015 oo neng o itebagantse thata le bomme o sekasekwe ka o setse o fetilwe ke nako.

Ba buile seo kwa phuthegong ya kgotla e eneng e buisiwa ke ba lephata la Bong kwa kgotleng kgolo ya Tsabong kabobedi . Mogolwane go tswa mo lephateng la Bong Rre Boemo Mpolokeng o ne a tlhalosa fa maikaelelo e le go tsaya maikutlo le megopolo ya setshaba mabapi le molao oo ka go lebega e setse e fetilwe ke nako.

Maikaelelo a molao o e ne e le go tswala phatlha magareng ga borre le bomme mo dikgannyeng tsa tekatekanyo ya bong mo go tsa itsholelo, tsa sepolotiki le ditlhabololo.

Molao o simolodisitswe go beilwe thata leitlho mo go bomme ka go le pele ba ne ba salela kwa morago mo go tsa ditlhabololo mo makalaneng ka bontsi.

Dipatlisiso tsa molao oo di ne di supa gore bong ke pinagre ya go diragadiwa ga ditlhabololo mo lefatsheng ka jalo go supagetse gore fa tekatekanyo ya bong e le teng itsholelo e simolola go gola ka bonako.

Mme Ednah Podisi o ne a supa fa molao wa pele go ya ka ditsamaiso tsa Setswana o ne o baya bomme ka fa mosing fa go tla mo go tsa tlhakanelo dithoto fa ba nyalane ka gantsi dithoto di kwalwa ka Borre mme seo se dire gore ba gatelele bomme ka ba dira go rata ka dithoto tse ba di bapetseng mmogo ntleng le therisano ka jaana Rre e le tlhogo ya lolwapa go ya ka ditsamaiso tsa Setswana.

Mme Podisi o ne a tswelela ka go tlhalosa fa go tlwaelesegile ka molao wa pele wa bong gore ditlankana tsa ditshipi tsa loruo, ditlankana tsa bonno, tshimo, dikoloi, le tse dingwe di kwalwe ka maina a borre mme tsotlhe tse di fetolwa fela mo go bomme fa borre ba ile ga maoto hunyela.

A re mo molaong o mosha go tshwanetse ga sekasekwa gore banyalani dithoto tsa bone di kwalwe ka maina a bone botlhe. Mme Mary Jonas go tswa Tsabong ene o ne a tlhalosa fa tekatekanyo ya bong mo molaong oo, bangwe ba ga e tlhaloganye mme boammaaruri ke gore bogologolo go ne go dumelwa gore ditiro dingwe ke tsa borre fela mme e ne e nnela bomme seriti seo gore le bone ba kgone go le lekana fela le borre mo ditirong tse di farologanyeng le boeteledipele go sa reye gore bomme ba tshwanetse go nyatsa borre kana go ikgokgomosa bogolo jang mo malwapeng.

Mme Magret Phologo ene o ne a supa fa dikgang tsa kgokgontsho di golela pele mme ebile di ama thata bomme le basetsanayana tse gape di ba bakelang malwetsi aa sa tshelanweng mme sebe sa phiri ke gore badira molato ga ba tseelwe dikgato tse di gagametseng ebile di diega mme a kopa gore mo molaong o mosha go sekasekiwe.

Rre Lucky Sephiri wa mo- na-le- bogole ene o ne a bolela fa molao wa pele o ne a tlogela borre kwa morago bogolo jang mo mananeong mo lephateng la Bong aa neng a tokafatsa matshelo , mme puso e ne e lebile fela mo letlhakoreng la bomme le basetsanayana a supa fa lehuma le ama bong botlhe a kopa gore mo molaong go bewe leitlho mo go seo.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 05 Mar 2026