Breaking News

Kgotla ya molao-motheo ga ena go emisa ditlhabololo

04 Mar 2026

Banni ba Mookane ba lekodisitswe ka kakanyetso ya go tlhomiwa ga kgotlacya molao-motheo.

Ba lekodisitswe jalo ke mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tsa ngwao, Rre Ignatius Moswaane, yo o neng a ba tlhalosetsa maikaelelo le ditiro tsa kgotla ya ditsheko ya molao motheo e e akanyediwang go tlhomiwa.

Rre Moswaane o tlhalositse gore kgotla ya molao-motheo ke kgotla ya ditsheko e e faphegileng e bile e le yone e e kwa godimo thata, e e nang le maikarabelo a go toloka molao motheo. A re maikaelelo a yone ke go sireletsa ditshwanelo tsa batho, go balelwa le go rarabolola dikgotlhang tsotlhe tse di amanang le molao-motheo.

Rre Moswaane o gateletse gore kgotla tshekelo e e tlaa nna botlhokwa thata mo go nonotsheng puso le go netefatsa gore ditshwanelo tsa batho di a tlotliwa le go sirelediwa, go sa kgathalesege letso, morafe kgotsa mmala wa motho. Le fa banni ba supile kgatlhego mo go tlhomiweng ga kgotla tshekelo e e kgethegileng e, ba ile ba supa matshwenyego ka mathata a a ba amang e le setshaba letsatsi le letsatsi.

Ba boletse gore puso e tshwanetse go tsibogela go rarabolola mathata ao, jaaka tlhaelo ya melemo mo dipateleng, go aga le go baakanya ditsela, go tlhokomela dikolo, gammogo le ditlhabologo tse dingwe. Fa a ba araba, Mothusa Tona rre Moswaane o ne a tlhomamisetsa banni gore go tlhomiwa ga Kgotla tshekelo ya Molao motheo ga go kitla go kgoreletsa mananeo a ditlhabololo tsa maphata a mangwe a puso ka gore lephata lengwe le lengwe le dira kabo-tekanyetso ya madi ya lone.

Fa a bua ka tlhaelo ya melemo, Rre Moswaane o tlhalositse gore bothata ga bo bakwe ke go tlhoka madi, mme bo bakwa ke dikgwetlho tse di amanang le theko le dithendara. Rre Moswaane o boletse gore mo kabo-tekanyetsong ya madi a setshaba e e sa tswang go fetisiwa, Lephata la Botsogo le abetswe madi a go reka melemo e mentsi.

A re Lephata la Tlhokomelo ya Bana le Thuto ko moding le lone le abetswe madi a a magolwane a go tlhokomela le go baakanya dikolo. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Mookane

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 04 Mar 2026