Breaking News

Puso e itlama go tlhabolola mafaratlhatlha a ditsela

04 Mar 2026

Seemo se se sa itumediseng sa ditsela se gwetlhile lephata la dipalamo le dikago go batla methale e e tlhabologileng ya go di tlhabolola, go tokafatsa mesepele ya dithoto le batho.

Tona wa lephata, Rre Noah Salakae, a re seemo sa ditsela tse di tona le tse di mo gare ga metse ga di mo seemong se se jesang diwelang mme dingwe tsa tse ditona jaaka ya Trans Kalahari Corridor (TKC) di gokaganyang mafatshe.

O tlhalositse se mo phuthegong ya kgotla kwa Charleshill fa a ne a rolela banni molao kakanyetso wa go tlhabolola ditirelo tsa lephata, go itepatepanya le phetogo ya seemo sa ditlhabololo, le molao kakanyetso wa go oketsa ditlhotlhwa tsa dipalamo tsa setshaba.

A re seemo se tlama puso go tlhabolola ditsela mme maitemogolo ke gore, go ne go dirisitswe metswako e e sa kgoneng go itshwarelela mo seemong sa go fetoga ga loapi.

Rre Salakae a re puso e dira maiteko a go tla ka methale e e tlhabolotsweng go dira ditsela tse di ka kgonang go emelana le go fetoga ga seemo sa loapi mme di kgone go itsetsepela lobaka di sa tlame puso go di baakanya kgapetsakgapetsa ka ditshenyegelo tse di kwa godimo.

O tlhalositse fa puso e lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya madi, a supa fa lephata le abetswe madi a a ka tshwarang P3.3 billion, mme a re ditshekatsheko tsa go baakanya ditsela go ralala lefatshe leno, di ka ba lopa madi a a ka tshwarang P103 billion.

Le fa seemo sa madi se sa letle, Rre Salakae a re ba tlaa dira maiteko a go itebaganya le paakanyo ya ditsela tse di kgolwane ka di tlaa thusang puso go kgobokanya madi ka dituelo tsa metsamao ya dithoto go ralala lefatshe leno go babalesegile.

A re puso e tlaa tswelela ka go dira ditsela tse di sa tshelwang sekonotere ka go nna di gopiwa go tokafatsa mesepele gammogo le tse di gokaganyang metse le meraka le masimo.

Rre Salake o tlhalositse fa puso e dira maiteko a go atolosa ditsela tsa go tokafatsa mesepele ya dithoto ka go dira ditshekatsheko tsa go oketsa kago ya diporo tsa terena jaaka sa Namibia le Botswana.

A re seporo seo, se tlaa thusa go tsamaisa dithoto tse di bokete di tshwana le lookwane le magala mme seo se babalele botshelo jwa ditsela tsa sekonotere. Mo dikgannnyeng tse dingwe o ne a itsise morafe fa makgotla a dipalamo tsa setshaba ba tsentse kopo go oketsa ditlhotlhwa tsa dipalamo tsa setshaba go simolola Morananng a rogwa.

A re dipalamo tsa maeto a matelele ba kopile go oketsa go tswa mo go dithebe di le masome a mararo le botlhano go ya kwa go masome a mararo le boferabobedi selekanyo sa khilomethara nngwe le nngwe.

Dipalamo tsa mebotokara tsone di tlaa tswa mo dipuleng di ferabobedi go ya kwa dipuleng di le lesome, mme ya ikopelo e faphegileng e tla tswa mo go masome a mararo a dipula go ya kwa go dipuleng tse di masome a marararo le borataro.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Obediah Mokonyane, o ikuetse mo go tona ka tiego ya go thiba mahuti mo tseleng ya TKC, loruo lo lo gobeyang mo tseleng, tiego ya go kgaola ditlhare mo thoko ga tsela, bogodu jo bo ileng magoletsa jwa terata le diheke tsa go kganela loruo go ya kwa tseleng.

O buile gape ka tiego ya go gopa ditsela tsa lokgarapana tse di gokaganyana Makunda-New Xanagas, Karakubis-New Xanagas, Charleshill-New Xanagas le Ncojane-Metsimantsho.

Rre Mokonyane o kopile tona go bula ofisi ya lephata la ditsela le dipalamo kwa Charleshill go ba atumeletsa ditirelo go na le go di latela bokgala kwa Ghanzi.

Banni ba ne ba ikuela ka tiego ya madi a phimolo keledi ya ba ba senyegetsweng ke matlo fa go agiwa tsela ya Charleshill-Ncojane.

Fa a ba kgwa dikgaba, Rre Salakae, o tlhalositse fa ba le mo thulaganyong ya go bona gore ba tlhabolola ditirelo tsa bone, go di tsenya mo maranyaneng gore bontsi bo kgone go di akola gongwe le gongwe kwa ba teng ba sa tlamege go ya go kgobokana mo meleng e meleele kwa diofising.

A re gape ba mo thulaganyong ya go bula diofisi kwa Charleshill e le maiteko a go atumetsa ditirelo kwa setshabeng.

O ne a supa fa ba lephata la ditsela ba tlaa nna ba ntse ba thiba dikhuti mo tseleng go fokotsa tshenyego ya yone. Rre Salakae o tlhalositse gape fa go ile ga nna le makgwere mabapi le madi a phimolo dikeledi ka jaana bangwe ba ba saletseng kwa morago go ne go tlhaela masupi mangwe mme go tsweletswe go bona gore ba a thusiwa.

O gwetlhile bagwebi ba dipalamo tsa setshaba go obamele melao ya diteseletso. Mopalamente wa kgaolo ya Charleshill ebile e le mothusa tona wa lephata la metsi le bonno, Rre Motsamai Motsamai, o supile fa go tlhaelo ya mesele ya kgopo ya metsi a leswe, e beile banni ka fa mosing ka jaana, ba tsenelelwa ke merwalala ka nako ya dipula.

O ne a gwetlha tona go sekaseka melao ya pele ya go ema kgatlhanong le go tsenya terata mo tseleng ya TKC, a supa fa tsela eo, e sa babalesega ka ntata ya go saila ga loruo le diphologolo tsa naga.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : Charleshill

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 04 Mar 2026