Ba kopa thuto e e tseneletseng ka molao motheo
03 Mar 2026
Banni bangwe ba Palapye ba kopile puso go ruta ka kgotla ya ditsheko ya molao motheo le molao motheo ka kakaretso.
Ba buile se kwa phuthegong ee neng e buisiwa ke Mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tsa ngwao, Rre Ignatius Moswaane kwa Palapye bosheng.
Mongwe wa banni, Rre Opelo Modimooaitse o kopile puso go rerisa le go ruta Batswana mo go tseneletseng ka molao motheo.
Fa a akgela Rre Onalethata Letso o ne a supa fa a se kgatlhanong le go simololwa ga kgotla ya ditsheko ya molao-motheo mme a lemoga fa e ka thusa Batswana fela thata mme a dumalana le puso go e simolodisa.
O ne a supa fa ba ba senang madi a go itsheka ba ka ya gone kwa kgotla kgolo ya molao-motheo mme ba thusega.
Fa a ala kgang, Rre Moswaane o ne a tlhalosa fa a buisitse diphuthego di le mmalwa lefatshe ka bophara mme ka go tlhoka lesego, bangwe ba tsere letlhakore kgatlhanong le kakanyetso ya go tlhoma kgotla ya ditsheko ya molao motheo.
A re morero o puso e lekodisang Batswana wa maikaelelo a go simolodisa kgotla ya ditsheko ya molao-motheo ga o tshwane le wa ditlhopho ko go ipatlelwang phatlha mme o tlhokana le kakanyo e le nngwe fela mo Batswaneng.
Rre Moswaane o ne a tlhalosa fa e rile ka ngwaga wa 2022, go nnile le pego ya lekoko le le neng le romilwe ke Tautona wa pele Rre Mokgweetsi Masisi nako eo la go sekaseka molao-motheo wa lefatshe mme Batswana mo lefatsheng lotlhe ka bophara ba ne ba bua ka lentswe le le lengwe fela ba kopa gore ba tlhomelwe kgotla kgolo ya molao-motheo.
A re komiti eo ya re e ise e boele kwa go Tautona, ya re yone ga e bone go tlhomiwa ga kgotla kgolo ya molao-motheo go tlhokafala mme potso ya nna gore ba tsaya kae dithata tseo ka kopo eo e ne e tswa mo Batswaneng.
O tlhalositse fa kgotla ya ditsheko ya molao motheo e na le dithata di le dintsi tse di menaganeng.
Mothusa tona o tlhalositse gape gore lekgotla tshekelo la molao motheo e le lekgotla le le tlhomiwang go sireletsa le go okamela molao-motheo wa lefatshe, go tolokolola le go tlhalosa ka fa o ntseng ka teng le gore ga gona epe kgotla ya ditsheko e e kwa godimo ga yone ka jalo fa e tsere tshwetso e tsere tshwetso. O ne a fa sekai ka kgang ya rre wa letso la Sesarwa yo o neng a nna dingwaga di le tharo kwa lefelong la setsidifatsi.
A re kgang ya ngwana wa rre yoo ya go batla go mo robatsa kwa lefelong le a tlholegileng kwa go lone e ne ya seka ya atlega kwa kgotleng kgolo ya boikuelo ya ditsheko mme fa kgotla kgolo ya molao-motheo e ka bo e le teng, o ka bo a ne a e fetisetsa teng gore e lebiwe sentle ka leitlho le le tseneletseng thata.
Rre Moswaane a re kgotla ya ditsheko ya molao-motheo e ka nna motshereganyi e bile e ka neela Batswana tshiamelo ka go na le Batswana ba le bantsi ba kopa dilo dingwe mme dikeletso tsa bone di sa diragadiwe.
O ne a tlhalosa kgang e bangwe Batswana ba reng puso e itebaganye le letlhoko la melemo le seemo sa thuto mme ba emise kgang ya mogopolo wa go simolodisa kgotla kgolo ya molao-motheo, a supa fa puso e tsweletse ka go itebaganya le diemo tsotlhe.
A re fa ba goroga mo pusong, ba gorogile ba fitlhela go na le seemo sone sa tlhaelo ya melemo le dipilisi mme puso ya felela e di ithekela, a supa fa mo nakong eno melemo le dipilisi di goroga mme di sa goroge ka bokete jo puso e batlang di goroga ka jone.
Dibui ka go farologana kwa phuthegong eo ba ne ba ntsha megopolo e e farologaneng ka maikaelelo a puso a go simolodisa kgotla ya ditsheko ya molao motheo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Palapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 03 Mar 2026






