Lekuka La Di Tswa-Ganong e itlama go somarela ngwao
03 Mar 2026
Rre Kepaletswe Kenalemang(41) yo o itsegeng ka leina Namane ya Kubu mo go tsa bodiragatsi go tswa kwa Kajaja 2 kwa kgaolong ya Okavango, ke mongwe wa Batswana ba ba somaretseng puo ya Setswana gore e seka ya nyelela.
Rre Kenalemang o tswa kgakala le tsa poko e a dumelang ele mpho e a e filweng ke Modimo ka e bile le ba lelwapa la gagwe jaaka rraagwe e ne e e mmoki.
A re o leboga barutabana bangwe ba gagwe kwa sekoleng se segolwane jaaka Rre Tebogo Mogaetsho le Mme Masego Ntshonga ka go bo ba ne ba lemoga bokgeleke jwa gagwe jwa puo ya Setswana mme ba mo rotloetsa go e tsaya tsia.
Le fa go ntse jalo, Rre Kenalemang o ne a simolola go tsaya talente ya gagwe ya poko ka tlhwaafalo ka ngwaga wa 2011 o ne a tsenelela dikgaisano tsa banana tsa ngwaga le ngwaga tsa botaki le bodiragatsi mo letlhakoring la tsa poko.
A re o ne a bula khampani ya gagwe ya bodiragatsi ya Lekuka La Di Tswa-Ganong.
Rre Kenalemang a re ka thotloetso ya ga Rre Lebotse Chelane o ne a simolola go kwala leboko la ntlha le le bitswang Kgosi Kealetile Moremi ka ngwaga wa 2017 go lemoga Kgosi Kealetile yo o neng ele motshwarela bogosi jwa Batawana ka nako eo.
Ka jalo a re ka lesego o ne a kgona go gatisa buka ya gagwe e e bidiwang Lekuka La Di Tswa- Ganong mo kgweding ya Lwetse ngwaga o o fetileng kwa Nati’s Publishers kwa Gaborone.
Buka eo e na le maboko a le masome a mararo le borataro a a akaretsang go lemoga bagaka ba pele, lebopo la tlholego jaaka Noka ya Okavango le dibetsa jaaka bolwetsi jwa Covid-19.
Maboko mangwe a a fitlhelwang mo bukeng eo a tshwana le la ga Rre Festus Mogae go lemoga Tautona wa pele wa lefatshe la Botswana ka tiro e tona ya go lwantsha segajaja sa mogare wa HIV/AIDS, leboko le le bidiwang Letsile Tebogo yo eleng sekgantshwane sa mabelo, leboko la Mma Afrika go lemoga Mme Lesego Chombo go bo a dirile bontle kwa dikgaisanyong tsa Miss World le maboko a a lemogang mabutswapele a tsa sepolotiki jaaka Rre Motsamai Mpho le Rre Joseph Kavindama le a mangwe.
Rre Kenalemang a re maikaelelo a gagwe ke go somarela ngwao le puo ya Setswana gore di seka tsa nyelela ka jalo a re o na le lenaneo la go rutintsha baithuti kwa dikoleng ka puo ya Setswana bogolo jang kwa kgaolong ya Okavango ka ba sa dire sentle mo dithutong tsa Setswana.
A re o dira jalo asa lope dituelo a re baeteledipele ba dikole ba ka itshwaraganya le ene.
O tlhalositse fa buka e tlaa ribololwa semmuso kgwedi ya Motsheganong e fela mo ngwageng ono kwa Maun. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : Gumare
Event : Potsolotso
Date : 03 Mar 2026
Related News
01 Apr 2026
Sekole se tlaa bulwa
01 Apr 2026
Ipabaleleng tseleng
31 Mar 2026
Ba Tsabong ba rapelela ditsela
31 Mar 2026






