Breaking News

Ba kopa gore go tokafadiwe botsogo le thuto pele

02 Mar 2026

Banni ba Serowe le metse e e mo tikologong ba re ba dumalana le gore kgotla kgolo ya molao-motheo e nne teng mme e seka ya fiwa maemo a ntlha, mme go lebelelwe pele go tokafatsa seemo sa botsogo le thuto.

Ba tlhaloseditse mothusa tona wa dikgaolo le merero ya tsa ngwao, Rre Ignatius Moswaane mo phuthegong ya kgotla ka Labone kwa Serowe.

Morafe ka go farologana ba buile ka bongwefela ja pelo gore ba dumela fa lekgotla leo le le botlhokwa mme ka tebo ya matlho ba bona fa puso e santse e na le mathata a madi.

Ba boletse fa puso e ka lwela pele go tokafatsa seemo sa melemo mo dipateleng le go shafatsa dikago tsa teng.  Ba boletse fa seemo sa thuto se ngomola pelo mo e bileng baithuti ko dikoleng ba sa boneng dijo sentle, gape dikole ka bontsi di le makgasa thata di tlhaelelwa ke ditsompelo.

Kgosi ya Gammangwato, Kgosi Khama IV, o boletse fa lekgotla la molao motheo le tshwanetse la dirwa morago ga tse di botlhokwa pele tse Batswana ba lelang ka tsone, mme ga a dumalane le gore e tseye maemo a ntlha mo go dirweng.

O kaile fa lefatshe la Botswana le ne le ntse le thusiwa ke dikgotla tshekelo tse di leng teng mo dikgangnyeng tsa ditshwanelo tsa motho, ka jalo a re lekgotla leo le ka tla morago.

Kgosi Khama IV o boletse fa mebuso e neng e busa pele e ne ele yone e neng e gatelela ditshwanelo tsa batho mme molao-motheo o ntse o ntse o le teng.

O ne a fa sekai ka kgotla ya BaGammangwato mo pusong e e fetileng, a re ba ne ba idiwa go tsena mo kgotleng ya bone ke puso ya nako eo. Gape o boletse fa a bona go le botoka gore go dirwe tshekatsheko ya molao motheo pele, mme ko morago go dirwe lekgotla la molao motheo la ditshwanelo tsa batho.

O boletse fa go ya go turela puso thata ka gore ga e dirwa gompieno go batla go hirwa baatlhodi ba ba mmalwa, go dirwa patlo maikutlo mo bathong, babereki ka go farologana le theko ya dikoloi tsa bone mme puso e santse e re sepache se makgwakgwa.

A re katlholelo leso yone e seka ya tla ya phimolwa mo molaong motheo, a re fa ba bolaileng, go na le bosupi sentle, ba kaladiwe ka gore go ka dira go re batho ba boife go bolaya ba bangwe.

Kgosi Mokgosi Baipusi wa kgotla ya Basimane a re madi a tla bong a simolodisa lekgotla la molao motheo a tshwanetse a haposetswe ko go shafatseng dikole ka gore puso e santse e sena madi a lekaneng. 

O tlhalositse fa ditsela le botsogo di tshwanetse di fiwe maemo a ntlha pele go ka akanngwa go tlhoma lekgotla la molao motheo.

 Gape o boletse fa banni ba ba nnang ko metseng e e kgakala le ditlamelo ba tsaya melemo kgakala ko Serowe.

Kgosi Mathodi Mathodi wa kgotla ya Maaloso o tlhalositse fa lekgotla leo le se botlhokwa thata go na le go tokafatsa seemo sa melemo mo dipateleng.

Kgosi Botswelelo Mogapi wa kgotla ya Ditimamodimo o tlhalositse fa kgotla ya molao motheo e se botlhokwa gompieno, a re ngwagaono ba hilwe go lema tema fela mo go tsileng go ba bolaisa tlala, a re madi a teng a ka bo a ya ko temong go na le lekgotla leo.

A re o belaela gore kgotla eo e tsile go emisa katlholelo leso ka gore ke puso ya ditshwanelo e e sa letleleleng motho go bolaiwa a bolaile yo mongwe.

Mme Goaba Letlhare a re mo molaong ya lekgotla leo la ditshwanelo go ka bo go nonotshwa makgotla a ntseng a le teng ka ditshetlana dingwe go na le go dira lekgotla la molao motheo.

Mongwe wa banni, Rre Moreri Mareka, o ne a gatelela botlhokwa jwa lekgotla la molao motheo fa le botlhokwa thata le tshwanetse la potlakelwa a bolela fa batho bangwe ba sa bolo go gataka ditshwanelo tsa bone.

Rre Mareka a re bangwe ba na le dingwaga ngwaga ba sa abelwe ditsha tsa bonno, lemororo ele tshwanelo ya bone.

 A re lekgotla leo le ya go thusa thata ba ba dikobo dikhutshwane ba ba senang madi a go ipuelela ko makgotla tshekelo.

O boletse fa babeeletsi ba rata thata fa go nang le lekgotla leo ka gore batla goroga ka bontsi batla go gweba mo Botswana.

Mothusa tona, Rre Moswaane o ne a ba rerisa ka lekgotla la molao motheo, gore le bone ba nne le seabe, a re go botlhokwa gore go rutwe ka botlhokwa jwa kgotla ya molao-motheo gore go itsiwe ditsamaiso tsa yone pele ga ba ka ema puso nokeng.

O boleletse banni ba Serowe gore go botlhokwa gore e re pele ga go fetolwa molao-motheo wa lefatshe, go bo go tlhomilwe pele kgotla ya molao-motheo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Serowe

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 02 Mar 2026