Breaking News

Motshegwa O Rotloetsa Ba Robelela Le Tshokwe Go Sa Ipona Tsapa

26 Feb 2026

Mopalamente wa kgaolo ya Mmadinare,  Rre Ketlhalefile Motshegwa o rotloeditse banni ba Robelela le Tshokwe go tiisa metlhale yotlhe e ba ka e kgonang go lwantsha  bolwetse jwa tlhako le molomo.

Rre Motshegwa, yo gape e leng Tona wa dikgaolo le tsa ngwao o buile se kwa diphuthegong tsa kgotla ka Mosupologo, a tlhalosa fa metse ya Robelela, Tshokwe le Mabolwe e le  mengwe  e e mo diphatseng tsa go amiwa ke bolwetse fa go ka seka ga potlakelwa metlhale e mengwe ya go bo kganela.

Metse eo, e bapile le molelwane wa Zimbabwe le Botswana,  ka jalo go motlhofo gore dikgomo  di tlolele kwa ntlheng e nngwe, kwa pheletsong, go bake go anama ga bolwetse.

Rre Motshegwa o ne a tlhalosa fa kwa Zimbabwe, kwa bolwetse bo simologileng teng, ba sa kgone go bo lwantsha ka jalo go le motlhofo gore bo aname le dikgaolo tsa bone.

E ntse e le yone tsela ya go lwantsha bolwetse,  a re ba lephata la lefatshe le temo thuo ba na le tumalano ya gore kampa ya Mmadikgaka e dirisiwe ke ba mophato, ba  sepodise le masole mme e tlaare mo nakong e e seng kgakala ba bo ba ka  e rolelwa semmuso.

Rre Motshegwa o supile fa se, se tlaa thusa thata go lwantsha bogodu le go ne go ka lwantsha bolwetse ka go laola motsamao wa leruo.

O ne a tlhalosa fa go se motlhofo go laola motsao wa ditlou ka di okiwa ke metsi  mo matamong.

A re  puso e na le moakanya wa go abela batho dipolase go bapa le terata ka se, se ka thusa thata go laola le go tlhomamisa gore terata ga e senngwe ke ditlou.

Fa ba akgela mo mafokong a ga Mopalamente, banni ba supile fa ba tshwere ka thata go tsosolosa terata e e kgaoganyang lefatshe la Botswana le la Zimbabwe, e le maiteko a go lwantsha bolwetse jwa tlhako le molomo.

Mongwe wa banni go tswa kwa Robelela, Rre Pinkie Dinamune a re ba tshwenngwa ke batho ba ba santseng ba goga dinao go ka tsenya letsogo mo tirong e e tlhokang seabe sa botlhe.

Rre Dinamune o ne a tlhalosa fa maiteko a bone a kgoreletswa ke ditlou tse disailang ka bontsi mo lefelong leo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : Robelela

Event : Phuthego

Date : 26 Feb 2026