Ba Francistown Ba Bete Se Molangwana Ka Kgotla Ya Molao Motheo
25 Feb 2026
Banni ba toropo ya Francistown ba kopile gore mogopolo wa go tllhamiwa ga kgotla ya ditsheko ya molao motheo o eme pele ka jaana go na le dieemo mo lefatsheng tse di ka tsibogelwang pele.
Ba tlhalositse se, kwa diphuthegong tsa kgotla tsa Block 4, Monarch le Donga tse di neng di buisiwa ke tona wa boatlhodi le kago sesha ya magolelwa, Rre Nelson Ramaotwana mo Francistown bosheng.
Bangwe ba banni ba ntshitse matshwenyego a tshwana go sa tlhaloganya sentle gore kgotla e, e ya go bereka jang, fa bangwe ba kaile fa go ka emiwa pele ka go tlhama kgotla e mme ga itebagangwa le seemo se se sa iketlang kwa dikokelong jaaka go tlhoka melemo.
Kwa Block 4, Mme Mlambo Nfila o kaile fa go le botlhokwa go tlhoma kgotla ya ditsheko ya molao motheo e bile e thokega, mme a kaya fa go ka nna kaone gore go itebagangwe le mathata a a mo lefatsheng pele.
“ Kgotla ya ditsheko ya molao motheo re batla gore e tlhomiwe. Sebe sa phiri ke gore go na le mathata jaaka letlhoko la dipilisi. A lefatshe le boele pele mo seemong ke gone kgotla e, e ka tlhamiwang,” ga tlhalosa jalo Mme Nfila
Fa a tswa la gagwe, Rre Boycie Pekenene a kaya fa go tlhokana le kitso e tseneletseng ya gore kgotla e, e ya go bereka jang.
Mo phuthegong e nngwe, banni ba kgotla ya Monarch le bone ba ne ba ntsha maikutlo a bone, mme bane ba kopa gore go seka sekwe molao motheo pele go ka tlhamiwa kgotla eo.
Rre Gibson Puso, o ne a kopa tona gore go simololwe ka one molao motheo pele o sekasekwe ka jaana o sale o dirwa bogologolo.
Fa a latlhela la gagwe, Rre Mshingo Mathews o ne a kopa tona go tlhalosa gore a go tla nna motlhofo gore Motswana yo o senang madi a kgone go itsheka kwa lekgotleng le.
E ne e rile mo maitseboweng, tona Ramaotwana a ya go lekodisa banni ba kgotla ya Donga e ntse e le mo Francistown, mme bone ba supa fa ba le bete se molangwana ka go tlhomiwa ga kgotla e, mme segolo bogolo ele ka dikgang tsa go sa kaletsa bao ba ba atlholetsweng loso.
Rre Simisane Ramaotswana o ne a tlhalosa fa Batswana ba thobaetswa ke gore e sale puso e ntsha e tsena ga go ise go kaladiwe ope ntswa go na le ba ba atlholetsweng leso.
“Re le Batswana re dumela gore ope yo tseelang yo mongwe botshelo, tshwanelo ya gagwe e ema gone foo,” ga bua jalo Rre Ramaotswana.
Rre Shingani Matebu o ne a iteela kobo moroko mafoko a ga Rre Ramaotswana, a tlhalosa fa go lebega puso e eme fela e sa dire sepe tebang le batho ba ba bolaileng ba bangwe.
E rile fa a ba kgwa dikgaba, tona Ramaotwana o ne a kopa gore morafe o tlhoke pelaelo mabapi le dikgang tsa katlholelo leso ka jaana molao motheo o tla salwa morago fa go sena go sekasekwa dintlha tsa ba ba atlholetsweng leso.
Mo go tse dingwe tse e leng letshwenyego la setshaba jaaka letlhoko la dipilisi le melemo mo dipatela, tona Ramaotwana o kopile gore morafe o none pelo ka mathe ka jaana go rekwa ga melemo go tsweletse sentle le ntswa go tsaya nakonyana gore e goroge.
Tona o ne a tlhalosa gape fa lephata la botsogo le abetswe madi a kwa godimo mo kgaoganyong ya madi e e satswang go feta gore le kgone go tsibogela diemo tsa lone. BOPA
Source : BOPA
Author : Kelebogile Taolo
Location : Francistown
Event : Phuthego
Date : 25 Feb 2026





