Mathoothe O Galaletsa Maiteko A Masupatsela
24 Feb 2026
Mokgatlho wa Central Trailblazers Scout Group o botlhokwa mo go ageng botho jwa basha.
Mopalamente wa Serowe North, Rre Baratiwa Mathoothe o tlhalositse jalo kwa bokopanong jwa mokgatlho oo, wa masupatsela kwa Paje ka Labotlhano.
A re mokgatlho o, o dira bokgabane ka go tsenya letsogo mo go tlhabololeng matshelo a basha ka mananeo a a farologaneng.
Rre Mathoothe yo gape e leng Mothusa Tona wa lephata la papadi le tlhabololo kgwebo a re mokgatlho o tsepame mo go bopeng botho jo bo eletsegang mo basheng, a tlatsa ka gore o ba ruta boitshwaro le boikarabelo.
“Masupatsela a rutwa mananeo a a ba thusang mo botshelong ka jalo mokgatlho o thusa go baakanya basha go nna batho ba ba nang le seabe mo lefatsheng la Botswana.”
Rre Mathoothe o tlhalositse fa mokgatlho wa masupatsela o supiwa jaaka seikokotlelo se se nang le seabe se segolo mo go godiseng basha.
A re bogologolo. masupatsela, a ne a tseelwa kwa godimo, a supa fa nako e tsile gore mekgatlho e a tsosolosiwe mo dikoleng go ka thusa go laola botlhokatsebe jwa banana ba gompieno. Rre Mathoothe o rotloeditse gore masupatsela a inakanye le dikoporase.
Mogolwane go tswa kwa Central Trailblazers Group, a tswa mo Serowe Rre Motshegetsi Gorileng o boletse fa maikaelelo a bone ele go tsosolosa bosupatsela mo dikoleng ebile ba ya go simolola kwa go sese botlana sa Paje.
Rre Gorileng a re ba batla go tsisa diphetego mo matshelong a batho. Are mokgatlho wa bone o tlhamilwe ka ngwaga wa 2017 kwa Serowe, a supa fa ba tlhoka lefelo le ba ka rutelang banana mo go lone ka bosupatsela.
A re ba ikaeletse go dira dikgwebo tsa go rua dihutshane go tlhamela banana ditiro. BOPA
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Paje
Event : Bokopano
Date : 24 Feb 2026




