Ba FNB Ba Bula Banni Matlho
24 Feb 2026
Mogolwane kwa bankeng ya First National Bank (FNB) Rre Chris Molosiwa a re go rutega ka tsa madi go botlhokwa ka go fa motho sebaka sa go tsaya ditshwetso tse di botoka ka tiriso ya madi.
Rre Molosiwa o buile jalo kwa phuthegong ya kgotla ee neng e rulagantswe ke ba banka ya FNB kwa Mahalapye bosheng. Rre Molosiwa a re tiriso ya madi e tlhoka thuto kana kitso ka gore motho fa ana le yone o ka dira thulaganyo ka na lenaneo la tsa madi.
A re botsogo jwa madi aa senang thulaganyo bo baka dikoloto tse di kgonang go fekeetsa motho mme di felele di baka malwetse a a bakwang ke maikutlo a a sa iketlang.
Rre Molosiwa a re botsogo jwa madi jo bosa iketlang bo kgona go baka kgokgontsho mo malwapeng. A re bontsi jwa Batswana ba tlhaela kitso ka tsa madi ka jaana basa rutwa ka tiriso ya madi.
Rre Molosiwa o boletse fa go na le dikoloto tse di siameng le tse di sa siamang ka jalo a re go botlhokwa gore motho a rulaganye tiriso ya madi gore a lemoge bokete jwa dikoloto tsa gagwe gore a kgone go dilaola sentle.
A re go boloka madi go botlhokwa gotlhe fela go akaretsa go ipeela madi, go beeletsa le go reka diabe.
Rre Molosiwa o boletse gape fa gole botlhokwa gore motho a ipaakanyetse go tlogela tiro a re bangwe ba tlogela tiro ba na le dikoloto.
A re bontsi jwa batho ba dira dikgwebo tsedi sa tsenyeng madi ka ntlha ya go tlhoka go boloka,a gakolola gore meraka le masimo e ka nna kgwebo e motho a ka itshetsang ka yone.
A re fa motho a sa dirise tshimo ya gagwe, a ka e firisetsa mongwe gore e mo tsenyetse madi ka na a e adime mongwe mme morago gago rekisa thobo ba kgaogane madi goya kafa ditumalanong.
O ne gape a ba rotloetsa go dira lenaneo la tsa boswa jwa bone go itsa dintwa tsa boswa le masika a a tseelang bana boswa jwa bone.
Motlhotlhomisi wa borukuthi jwa madi go tswa FNB Rre Keaobaka Mogopodi a re metlhale ya tsietso e mentsi mo malatsing a gompieno. Ka jalo a re go botlhokwa gore batho ba somarele madi a bone mo dilalomeng.
Rre Mogopodi o ba gakolotse gore ‘go itse moreki’ mo go tlwaelesegileng ka ‘Know Your Customer (KYC) ga go dirwe ka mogala kana maranyane.
Rre Mogopdi a re gantsi dilalome tse di tsietsang di tsietsa bagodi thata, ka jalo a ba kopa go netefatsa gore fa ba batla ditlamelo tsa banka ba di latela kwa dibankeng. A re ba tshwanetse ba somarela dikarata tsa bone tsa sephiri ba emisa mokgwa wa go di amogana batho.
Detective Constable Iketleng Malatsi a re dikgang tsa tsietso di dingalo ka dilalome di dira maretshwa a mantsi a a dirang gore bosupi bo tlhaele fa go tlhotlhomisiwa. Rre Malatsi a re borukuthi jo bo bontsi mo Mahalapye mme bodirwa le ke batho ba ba tswang go sele.
O tlhalositse fa ka ngwaga wa 2024 ba gatisitse dikgang tsa borukuthi jwa go tsietsa dile 26 , mme ka 2025 dile 17 fa mono ngwaga basetse ba gatisitse dile tlhano (5). A re bontsi jwa batswasetlhabelo ke bagodi baba tlogetseng tiro.
Rre Malatsi a re batswasetlhabelo ba fa ba sena go tsiediwa, ga ba bue boamaruri jotlhe gore ba thusiwe sentle.
Mongwe wa banni ba Mahalapye Moruti Rojas Simon a re ba tshwengwa ke gore sepe se se amanang le dintlha ka botshelo jwa motho se ka tswa se sa sireletsega ka go lebega go le motlhofo gore magodu a bone tsotlhe tseo. Banni ba ne ba itumelela dithuto ba supa fa ba ithutile gole gontsi,
Modulasitilo wa khansele ya Mahalapye Rre Outule Segolame o ne a leboga ba banka ya FNB go bo ba tsisitse dithuto tsedi botlhokwa ko bathong.
Rre Segolame o kopile morafe go gasa molaetsa ko go baba satlang gammogo lego dirisa dithuto tse ba di amuleng mo phuthegong eo. BOPA
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Mahalapye
Event : Phuthego
Date : 24 Feb 2026




